Breaking News

Banni ba gakololwa go lwantsha bolwetsi jwa malaria

22 Feb 2017

Banni ba Lerala ba rotloeditswe go tsaya maikarabelo mo go lwantsheng bolwetsi jwa malaria.

Fa a bua kwa letsatsing la go ruta morafe ka ditsela tsa go fema go tsenwa ke malaria bosheng, Mme Gaone Mmolainyane go tswa mo lephateng la botsogo le boitekanelo mo kgaolong ya Palapye o ne a kaya fa mo pakeng ya dipula monongwaga kgaolo ya Palapye e ne ya amiwa ke bolwetsi joo.

Mme Mmolainyane o ne a bolela fa dipalo tse di gatisitsweng mo kgaolong ya Palapye di le masome a mabedi le borataro go simolola ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng.

O ne a re mo dipalong tse di gatisitsweng mo kgaolong ya Palapye, motse wa Lerala o gatisitse boferabobedi go simolola ka kgwedi ya Phalane go fitlha mo nakong eno.

O ne a tlatsa ka gore go ne gape ga gatisiwa dintsho di le pedi tsa bolwetsi jwa malaria, e le nngwe kwa motseng wa Lerala le e le nngwe kwa sekoleng sa Moeng.

A re ditlhotlhomiso di dirilwe mo malwapeng a ba ba amegileng go sekaseka gore a ba lelwapa ga ba a amega, mme maduo a supa fa ba sena bolwetsi.

O tsweletse ka go gakolola setshaba le go ba itsise gore dithuto ka bolwetsi jwa malaria di tsweletse kwa kokelong ya Lerala moso le moso go tsibosa setshaba ka jone.

Mme Mmolainyane a re setshaba se ka thibela bolwetsi jwa malaria ka go phepafatsa tikologo le go latlha dithini tse di senang sepe, dithaere tse di kgologolo le tsotlhe fela tse di ka emang metsi a monang o ka tsalelang mo go tsone.

A re ba ka tswelela le ka go itshireletsa ka go dirisa dikobamonang (repellants) tse di itshasiwang le tse dingwe, go apara diaparo tse di khurumetsang mabogo le maoto bogolo jang mo maitseboeng.

O tsweletse a re go dirisa lesire le le nang le molemo o o bolayang monang le gone go ka thusa fela thata.

E rile a tswa la gagwe, Mme Marea July yo e leng moanamisa mafoko mo lephateng la botsogo le boitekanelo, a supa fa bolwetsi  jwa malaria bo anamisiwa ke monang o monamagadi o o bidiwang anopheles ka puo ya sekgoa.

Mme July a re fa monang o o loma motho yo o nang le bolwetsi o goga madi a a nang le mogare wa malaria o bo o ya go o tshela mo mothong yo o senang bolwetsi ka go mo loma.

A re dikai tsa bolwetsi jo ke tlhogo e e opang, go fufula le go sitwa, go feroga sebete, letlhatso le letshololo ka jalo e re fa setshaba se itemogela dikai tse, se seka sa nna le boitseme go tsena mo kokelwaneng e e gaufi go kopa thuso.

Mo go la gagwe, Kgosi Sello Moroka III wa Lerala o ne a supa fa a tshwenngwa ke dipalo tse morafe o tsenang diphuthego ka tsone ntswa ba leka go sirelediwa mo diphatseng tse di ba lebaganeng. BOPA

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Lerala

Event : Bokopano

Date : 22 Feb 2017