Breaking News

Lekgotla le lela ka letlhoko la madi

22 Feb 2017

Tautona wa Botswana Choral Music Association, Rre Leremela Bogosing a re mokgatlho  oo, o tlhaelelwa ke madi bogolo jang ka a a ntshiwang ke maloko a sa lekana go o tsamaisa.

Rre Bogosing o buile se kwa bofelong jwa dithuto puisano tsa lekgotla leo tse di neng di tshwaretswe kwa Heritage College of Arts and Design kwa Serowe bosheng. O kopile maloko a bone go ba fa maele gore ba ka dira madi jang ka gore mokgatlho o palelwa ke go tshwara dithuto puisano ka ntlha ya letlhoko la madi. O lebogile lephata la banana, metshameko le ngwao go ba letlelela go tshwara dikgaisano tsa kopelo go supa talente.

O ne gape a leboga batsayakarolo mo makgaola kgannyeng a ngwaga o o fetileng a supa fa ba bone pharologanyo e ntsi go feta dingwaga tse dingwe.

Morutabana wa tsa moopelo go tswa kwa Tshwane University of Technology, Rre Kiewiet Pali o ne a kgothatsa batsenelela dithuto puisano go ya go ruta ba bangwe ba se ka ba ipeela thuto.

Mme Malebogo Motsokono, o ne a re o leboga lekgotla go bo le kgonne go ba rulaganyetsa thuto puisano a bo a lebogela Tautona wa lefatshe leno dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona a re di ba thusa go itshetsa. Mme Motsokono o ne a bolela fa ba tlaa tswelela ba bereka ba le seopo sengwe go ntsha maduo. BOPA

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Thuto puisano

Date : 22 Feb 2017