Lorato le tshwanetse go supagala ka nako tsotlhe
21 Feb 2017
Motshwarelela molaodi wa Selebi Phikwe Rre Letshwao Mogorosi o tlhalositse fa letsatsi la Valentine e le nako e baratani ba tshwanetseng go itshekatsheka le go ntshafatsa marato a bone, Rre Mogorosi o buile seo fa a ne a amogela baratani le bagolo ba ba neng ba tsene moletlo wa go ipelela letsatsi la baratani kwa Annes Adams Park mo Selebi Phikwe.
Rre Mogorosi a re e le ba ofisi ya ga molaodi ba kopane le ba District Multi Sectoral Aids Committee ba rotloetsa baratani go itlhatlhoba mmogo gore ba itse seemo sa bone sa botsogo, a re se se dira gore bakapelo ba nne ba itse ka fa ba ka itshireletsang ka teng fa ba iphitlhela ba tsenwe ke mogare, mme fa o seyo ba ka tswelela ka go itlhokomela go fema seemo sa gore ba iphitlhele ba tsenwe ke bolwetse.
Rre Mogorosi o kgothaditse borre go ema ka dinao go itlhatlhobela mogare wa HIV ka dipatlisiso tsa ba lephata la botsogo le boitekanelo di supa fa borre ba sa ntse ba goga dinao fa go tla mo go itlhatlhobeleng mogare.
Rre Mogorosi a re malatsi ga e sa tlhola e le a maloba a borre ba neng ba na le tumelo ya gore fa mme a itlhatlhobile go raya gore le rre wa gagwe o itlhatlhobile ka seo se le diphatsa go sa itse seemo sa gago.
Rre Mogorosi o tsweletse a re ba tshwenngwa ke gore dikompone tse di ikemetseng ka nosi di neelwa madi go thusa go lwantsha bolwetse jwa HIV mme setshaba se goga dinao go dirisa meamuso ya go nna jalo ka thwaafalo.
E rile ba ntsha mafoko a kgothatso, Mme Lillian Ditirwa le Rre Kentse Ditirwa ba ba nang le dingwaga tse di masome a mararo le boraro ba le mo lenyalong, ba tlhalosa fa lenyalo le le monate e bile go se thata go tsena mo go lone.
Rre Ditirwa a re e rile ba nyalana ba ne ba kopa Modimo go ba etelela mo go sengwe le sengwe ka jalo seo e le sone se ba kgontshitseng gore ba bo ba santse ba tshwaragane mo bokopanong jwa nyalo ya bone go sena makgwere ape.
Rre Dintwa a re lorato ga se selo se se itirelwang mme se tshwanetseng go tswa mo pelong, a tlhalosa fa dikgwetlho di nna teng, mme tse tsotlhe di tshwanetse go itshokelwa.
Rre Dintwa a re lorato le tshwana le lee le tshwanetse go tshwarwa ka kelotlhoko ka nako tsotlhe,are lorato ke tlotlano le boikobo go aga lenyalo la motia.
Kwa bofelong Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Amogelang Mojuta o ne supa matshwenyego a go re ga go sa tlhole go na le malwapa a a tshwaraganeng,a re se se supiwa ke botlhoka tsebe jo bo golelang pele jwa bana ba gompieno.
Rre Mojuta a re ga gona ka fa malwapa a ka godisetsang bana mo kagisong le lorato ka teng fa malwapa a nna ka go kubetsana, mme a kopa baruti le baeteledipele go ema ka dinao go bua le setshaba go busetsa seemo.
Rre Mojuta a re ditirafalo tse di bosula tsa dipolaano di bakwa ke mokgwa wa lefufa mme a kopa Batswana go leba kwa morago go latisisa fa ba fapogile tsela gone mme ba iphutlhe methala ba ikage e nne sekao mo go ba ba tlang kwa morago.
Rre Mojuta a re Batswana ke batho ba ba itsegang ka go tlotlana,bonolo le boitshoko mme mo nakong ya gompieno seemo se fetogile, batho ba nna ba tletse kutlobotlhoko le go shakgala mo go feteletseng a tlhalosa fa go dira jalo go ka seka ga aga lefatshe. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Moletlo
Date : 21 Feb 2017






