Bogodu jwa leruo bo ile magoletsa
21 Feb 2017
Mookamela mapodisi a Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng Superintendent Ocean Maraganyane o supile fa kgaolo ya Kweneng e le nngwe ya dikgaolo tse di amilweng bobe ke bogodu jwa leruo.
E rile a bua mo potsolosong bosheng, Superintendent Maraganyane o supile fa ba tshwentswe ke dipalo tse di golang ngwaga le ngwaga tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone, a re mo ngwageng o o fetileng go utswilwe dikgomo di feta masome a matlhano mo dikgannyeng tse di farologanang.
A re monongwaga ba setse ba gatisitse dikgang tse tlhano tsa bogodu jwa dikgomo mme a re ditiragalo tse di diragala thata kwa merakeng ya metse ya Motokwe, Mahotshwane le Takatokwane.
A re gole gantsi magodu a a utswa leruo a bo a le fudusetsa kwa merakeng e sele e e kgakala e le ka tirisano le ba bangwe go timetsa bosupi
Superintendent Maraganyane o ne a tswelela a supa fa malatsi ano magodu a aga masaka mo sekgweng a bo a kokotleletsa teng mme a rekisetse bagwebi ba madirelo a dinama.
O tlhalositse fa e rile mo kgweding e e fetileng ba ne ba tshwara banna bangwe ba le babedi go bapa le moraka wa Masankaneng ka nama ya dikgomo tse pedi tse go belaelwang e le tsa bogodu ka ba ne ba latlhile matlalo a tsone. A re kgang ya teng e setse e le fa pele ga lekgotla la ditsheko.
Le fa go ntse jalo Superintendent Maraganyane o tlhalositse fa tirisanyo ya bone le badisa e le e ntle ka e bile e le bone ba itseng leruo sentle, mme a re fa go ka tswelela go ntse jalo ntwa kgatlhanong le bogodu ja leruo e ka fenngwa.
O supile fa gantsi batho ba ba amegang mo bogodung ja leruo e le ba dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe go ya ko go masome a mararo le botlhano, mme a re mo leruong gantsi go utswiwa dikgomo ka e le tsone di leng bogadi bo gaufi.
Go sale foo Superintendent Maraganyane o ne a ikuela mo balemi-baruing go nna le maikarabelo a go tlhokomela leruo la bone le gone go le tlamela ka dinako tsotlhe gore le seka la anama le naga, a tswelela a gakolola barui go duela badisa ka nako le gone go nna ba etela meraka ya bone kgapetsa-kgapetsa go ya go lekola leruo le gone go itsa go rwesa badisa mekgoleo ba le nosi.
O ne gape a ba gakolola go tshuba marole a bone pele ga baa ntsha mo masakeng ka go le gantsi magodu a kgaoganya marole a a sa tshubiwang le bommaao mme ba ye go a tshuba ka ditshipi tsa bone.
Mo go tse dingwe Superintendent Maraganyane o supile fa ba tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa dipetelelo le tlhakanelo dikobo ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase mme a re ditiragalo tse go le gantsi di diragala kwa merakeng.
Superintendent Maraganyane a re go supagetse fa gantsi badiramelato e le bakapelo ba pele ba ba abong ba ise ba amogele seemo sa gore ba tlhadilwe.
O supile fa seemo se se baka le dikgang tsa matshosetsi a dipolao ka le tsone di tsholetsega ka mmetela.
O ne a ikuela mo batsading go gakolola bana ba bone go iphapha mo go tsamaeng masigo ba le nosi mme a supa fa ba ete ba tshware diphuthego go ruta banni ka bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo le bana. BOPA
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 21 Feb 2017






