Breaking News

Kgosi Reyungu o se kotame

20 Feb 2017

Kgosi Kanyetu Reyungu o tlhomamisitswe go nna kgosi wa Xanxana mo kgaolong ya Okavango.

Se se tla morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Hamu Moyao yo e neng e le malomaagwe ngwagatlola.

Moletlo oo o ne o tsenwe ke dikgosi go tswa mo mafelong a a mabapi ebong Kgosi Diteko Salepito wa Gumare le Kgosi Moumbeko Sarefo wa Ikoga.

Mokhanselara wa Sepopa/Ikoga Rre Botshelo Mmapa le bagolwane go tswa kwa ofising ya molaodi ga mmogo le bagolo le banana ba motse ba ne ba tletse megolokwane ya boitumelo. Motse o ne o duma ka megolokwane le dikoma jaaka morafe o ne o amogela moeteledipele wa bone yo mosha.

E rile a mo tlhomamisa, Kgosi Salepito a bua a sa kgale mathe ka letlhakore lengwe la morafe le le ka tswang le le kgatlhanong le go newa setilo ga ga Kgosi Reyungu.

O ne a ba kopa go emisa mokgwa wa go nna jalo ka bontsi jwa morafe bo itlhophetse ene.

O ne gape a kopa morafe go tataisa kgosi ka go mo fa dikgakololo tse di maleba, e seng tse di tlaa kgaoganyang motse.

O ne a gatelela gore go nne le popagano  e e tlaa thusang go aga motse ka kgosi e le moletlanyi.

Fa a lebaganya mafoko le Kgosi Reyungu, Kgosi Salepito o ne a mo gakolola gore a tsee morafe ka tekatekanyo.

A re kgosi thotobolo e olela matlaka, ka jalo a nne podimatseba fa a letlanya batho ba motse. Kgosi Salepito o ne a akgola Kgosi Reyungu gore a bo a tsena mo setilong sa bogosi a setse a nyetse ka fa molaong ka se se mo tlotlomatsa e le moeteledipele wa maemo a ntlha.

O gateletse gore a seka a dirisa maemo a gagwe go dira dilo tse di fatlhang mo setshabeng jaaka go thuba malwapa a morafe wa gagwe.

Fa a latlhela tlhware legonnyana, mongwe wa bagolwane ba motse, Rre Twaimango Dikumbwe o ne a supa fa a itumetse go bo motsana wa bone jaanong o setse o bonye moeteledipele.

Se se ne sa tlalelediwa ke Rre Mothabane Thihupe yo o neng a re le fa kwa tshimologong go nnile le ditlhopho tse di neng tsa kgaoganya morafe, se se tshwanetse go tla bokhutlong. O ne a kgothatsa Kgosi Reyungu gore motse ke boagedi jo bo kopantseng bosula le molemo, ka jalo o tsile go kopana le dikgwetlho ga mmogo le dikgalaletso.

Mongwe wa batsadi, Rre Dinyando Makhanga o ne a re le fa kgosi e le monana, o tswhanelwa ke tlotla ka go bo e le moeteledipele. O ne a solofetsa fa ba tlaa mo tataisa mo tirong ya gagwe. BOPA

Source : BOPA

Author : Gaboipeelwe Andreck

Location : Xanxana

Event : Moletlo

Date : 20 Feb 2017