Breaking News

Kgaogo ya motlakase ga e jese di welang

20 Feb 2017

Banni ba kgaolwana ya Boseja legare kwa Mochudi ba lela selelo se segolo ka kgaogo ya motlakase e e ba diragalang.

Ba buile mafoko ao mo phuthegong ya bone le badiri ba koparase ya motlakase bosheng, e e neng e rulagantswe ke mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Mpho Morolong morago ga gore ba iikuele kwa go ene.

Banni ba boletse fa  kgaogo ya motlakase e ba senyetsa dijo le  dilwana, ba tlhalosa fa ba  sa kgone go akola le one mananeo a puso a a tlhagelelang mo ditshwantshong tsa motshikinyego. Ba re ga ba newsa  tlhole ba na le dithelebeshine.

Ba tlhalositse fa ba bereka go baakanya fela mme morago ga kgaogo ya motlakase e ba supileng fa e diragala kgapetsakgapetsa di senyega gape.

Ba re fa go ne go kgonega ba ne ba ka koba babereki ba koparase eo ba palelwa ke tiro.

Banni ba supile fa se se ngomolang pelo e le gore baagisanyi ba bone mo dikgaolwaneng tse dingwe ba nna ba na le motlakase fa bone ba le mo fifing, ba tlhalosa fa seo gape se tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka le dilalome di bona sebaka sa go ba senyetsa.

Ba boletse fa le megala ya koparase eo go le thata gore e arajwe fa ba batla thuso,  ba tlhalosa gape gore fa ba  tsile go ba thusa ba tla ka bogale mo go bone mme ba kopa bagolwane ba ba neng ba tsile phuthegong go direla babereki ba bone dikarata tsa maina gore ba tle ba itse gore ba thusiwa ke bomang.

Fa a tswa la gagwe, Rre Moses Rampete o boletse fa ene a lemogile fa kgatlhakgoba ya motlakase e imelwa mme a kopa ba koparase eo go tsibogela kgang eo.

O ne gape a gatelela kgang ya gore le dipale tsa bone di dikgologolo mme a ba rotloetsa go nna ba di fetola ka di tsaya nako e telele di epetswe mo mmung di bola.

E ne ya re a tsibogela selelo sa banni, mogolwane go tswa ko koporaseng eo, Rre Maikano Orapeleng a bolela fa a lemogile gore ke nnete ba maoto a tshupa.

A re maikemisetso a koparase ke go isa ditirelo kwa setshabeng le go tokafatsa ka fa ba isang motlakase ka teng kwaBatswaneng mme a ba tshephisa gore ba tlaa sala dikgang tsa bone morago.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa ba tshwentswe ke bogodu jwa megala ya motlakase, a supa fa Kgatleng e le nngwe ya dikgaolo tse di nang le dikgang tse dintsi tsa megala eo mme a kopa banni go bega dikgang tsa mofuta oo.

E rile a ama kgang ya dilwana tse di senngwang ke kgaogo ya motlakase a rotloetsa banni gore ba nne ba begela ba koparase go tla go tlhomamisa fa e le ruri di sentswe ke motlakase gore ba  tle ba duelwe.

E ne ya re go le pele fa a bua, mokhanselara wa kgaolwana eo e bile e le modulasetilo wa khansele ya  Kgatleng, Rre Morolong a bolela fa a bone go le maleba go kopanya banni le ba koparase eo, a supa fa banni ba ne ba setse ba eletsa go dira dipopelelo ka kgang ya motlakase.

O ne a supa fa e le boamaaruri kgaogo ya motlakase e ba tshwenya thata mo kgaolong eo mme a re o na le tshepho ya gore kgang eo e tlaa bona tharabololo. BOPA

Source : BOPA

Author : Atlang Rabasimane

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 20 Feb 2017