Breaking News

Stephens o ikatisetsa lebelo la Roof of Africa

20 Feb 2017

Lebelo la Roof of Africa ke lengwe la mabelo a matona mo Africa la dikuta.

Le tshwarwa ngwaga le ngwaga kwa Lesotho ka Ngwanaatsele, mme go phadisanngwa mo dithabeng. Fela jaaka la Mantshwabisi, bapalami ba dikuta lefatshe ka bophara ba kopana go gaisanya.

Go palangwa dithaba, matlapa, go ralalwa dinoka mme bangwe ba seke ba kgone go le fetsa ntateng ya dikgobalo.

Lebelo le le batla motho yo o itekanetseng mo mmeleng e bile a na le maatla a go itshegetsa mo dithabeng gore a seka a wa.

Kagiso Stephens ke Motswana wa Thamaga yo o dingwa tse di masome mabedi le bobedi.

A re o simolotse go ithuta go palama dikuta ka 2009. Lebelo la gagwe le le tona la ntlha e ne e le la Mantshwabisi ka 2014.

Mo puisanyong le BOPA, Kagiso o tlhalositse fa a tsaya dikuta ka tlhoafalo, ka motho o kgona go itshetsa ka tsone.

A re le ntswa a tsena sekole kwa Baisago University, o eletsa go atlega thata mo go palameng ka e le selo se a se ratang thata.

Kagiso a re bangwe ba ba mo kgatlhileng ka go palama ke Ross Branch, Vincent Crosbie le Dart.

A re o eletsa go tshwana le bone mme o batla go nna Motswana wa ntlha go tsenelela dikgaisanyo tsa Roof of Africa a bo a wetsa lebelo.

O supa fa a tsenelela mabelo a mantsi mo Botswana le mafatshe a a mabapi e le tsela nngwe ya go ikatisetsa lebelo la monongwaga.

O dirisa sekuta sa Yamaha 250F, mme o eletsa go ka bona thotloetso mo Batswaneng le madirelo ka go farologana ka gore ngwaga ono o tlhoka gore a ikatise thata.

Kagiso a re go thata go bona barotloetsi mo Botswana mme o setse a thusiwa ke Ba Isago University, Team ASC Racing le Castrol Botswana.

O bolela gore bangwe ba tlogela go palama ka lebaka la go tlhoka thotloetso, go tlhoka madi a a ka baakanyang sekuta le go reka ditlamelo tsa sone.

A re dikuta di godisa itsholelo ya lefatshe e bile di ka tsisa bojanala mo lefatsheng fa di ne di ka tsewa ka tlhoafalo.

O fetsa ka go rotloetsa banana gore ba kgatlhegele go ithuta dikuta, ba bo ba leke go godisa ditalente tsa bone ba seka ba itlhoboga fa ba sa bone thotloetso ka go ka thusa gore ba itlhamele mebereko. BOPA

Source : BOPA

Author : Fikile Kwapa

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 20 Feb 2017