Breaking News

Dikopelo di ka gweba

20 Feb 2017

E re ka lefatshe leno le humile ka dingwao tse di farologanyeng, kgaolo ya Kgatleng ke nngwe ya dikgaolo tse di tumileng ka mmino jaaka kgaolo ya Kgalagadi Borwa e tumile ka mmino wa Polka.

Lekgotla la Baikopanyi Choir Association le le akaretsang  ditlhopha tsa dikopelo tsotlhe mo kgaolong ya Kgatleng ba rotloeditswe go ema ka dinao go tsosolosa dikopelo tsa kgaolo eo gore ba kgone go itshetsa ka tsone.

Seo se builwe ke mogolwane wa ofisi ya banana, metshameko le ngwao, Rre Kagiso Mapotu kwa thuto-puisanyong ka Labone.

Rre Mapotu o boletse fa kgaolo ya Kgatleng e le nngwe ya dikgaolo tse di humileng ngwao le bodiragatsi jwa dikopelo jo bo ka ba isang kgakala fa ba ka di tsaya tsia.

A re dikopelo ke bojanala ka bojone, a supa fa le go tlhama mebereko ka tsone go ka direga, a tlhalosa fa ba tsere malebela mo dikgaolong tse dingwe tse di tsweletseng ka go oka setshaba ka dingwao tsa bone ba itirela madi jaaka Dithubaruba le Khawa Dune Challenge.

O ne a tlhalosa fa lephata la bone le na le mananeo a le mantsi a ba ka a dirisang go godisa dikopelo, a tlatsa ka go re se ba se dirang ke go inaakanya le lephata leo go kopa dithuso tse di maleba.

Rre Mapotu o boletse fa keletso ya gagwe e le go bona mmino wa dikopelo o gola e bile ba ipela ka one ngwaga le ngwaga fela jaaka Dithubaruba le Polka.

E ne ya re a bua maikaelelo a bokopano joo, Rre Vincent Rapoo go tswa kwa lefelong la ditso la Phuthadikobo a bolela fa e le go tla go rutuntshanya e le ba ditlhopha tse di farologanyeng le go amogana maele ka mmino wa dikopelo.

O boletse fa maikaelelo a mangwe e le go tla go bona gore tsela pedi ba tsaya efe go tlhabolola mmino wa dikopelo

Fa a latlhela tlhware lognnyana, Mme Selonyana Motshegwe o boletse fa a eletsa gore le bone ba dire fela jaaka go dirwa kwa Khawa ka di-tsa tlholego.

Rre Emmanuel Rampete ene o ne a kopa Rre Mapotu go ba ema nokeng gore ba kgone ditoro tsa bone tsa go tlhabolola mmino wa dikopelo go o dira bojanala. BOPA

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 20 Feb 2017