Borotho bo tlodisa Montsho melatswana
20 Feb 2017
Motswana a re mokodue go tsosiwa o o itekang.
Ka jalo bangwe banana ga ba a nna ka matsogo, ba ikemetse ka dinao go tlhabolola matshelo a bone.
Go itsosa mo go supilwe ke Rre Moses Montsho yo e reng fa tshupa nako e itaya boraro makuku ene a bo a setse a thinkgetse a duba borotho jo a bo rekisang.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Montsho a re ene ga a itebe dinala e bile ga a tlhaole ditiro ka go bo botshelo mo malatsing a gompieno bo le thata ntateng ya letlhoko la ditiro.
A re e rile go lemoga se, a bona go le botoka go simolola kgwebo ya go apaya borotho gore le ene a kgone go itirela madi.
Rre Montsho, yo o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, o kaile fa a simolotse kgwebo ya borotho ka madi a gagwe.
O tlhalositse fa kgwebo ya go dira borotho e le nngwe ya tse di kgonang go dira madi a mantsi mo nakong e khutshwane ka borotho ke sejo se se jewang malatsi otlhe.
O supile fa letlhoko la dikgwebo tse di dirang borotho mo Bobonong e le nngwe ya dilo tse di mo gwetlhileng go simolola go apaya borotho.
Rre Montsho a re o dirisa dikgong ga mmogo le dipitsana tse a di itiretseng go apaya borotho.
A re o apaya mapakiwa a le makgolo mabedi go ya go makgolo a mararo ka letsatsi, a tlatsa ka go re borotho jwa gagwe bo rekwa jotlhe ka letsatsi.
Lepakiwa le le lengwe le ja lesome.
Rre Montsho a re selo se se dirang gore borotho jwa gagwe bo rekwe ka bonako ke gore bajibareki ba rata borotho jo bo bothitho gape ga ba rate malatsa.
O tlhalositse fa bontsi jwa baagi ba kgotla ya Mabeleng mo Bobonong ba amogetse kgwebo ya gagwe ya borotho ka mabogo oo mabedi.
Rre Montsho o supile fa kgwetlho kgolo e le dikgong ka a di tsaya kgakala. BOPA
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 20 Feb 2017






