Breaking News

Mabuo o lela ka boroko

20 Feb 2017

Motse wa Mabuo kwa kgaolong ya legare ke mongwe wa e e tlhaelelwang ke boroko mme seo se tlame badirelapuso ba ba berekelang koo go batla boroko kwa metseng e e gaufi.

Kgosi Ontiretse Godirilweng o tlhaloseditse BOPA fa seemo se se ama ditirelo e bile se sa jese morafe diwelang ka se baka dingongora.

Rre Godirilweng a re ofisi ya gagwe ga e na motsamaisa ditirelo tsa kgotla ka go sena boroko, ka jalo komiti ya thabololo tsa motse e patelesega gore e nne yone e tsamaisang tsotlhe mo kgotleng ga mmogo le diphuthego.

A re motse oo, o o na le kokelwana mme ka go sena boroko, mooki wa yone o nna kwa Moiyabana mme se, se bo se raya gore a lelediwe fa go na le balwetse kana ba latele dithuso kwa Moiyabana.

A re o na le tsholofelo ya gore ntlo ya mooki e e simolotseng go agiwa ka 2014 e tlaa fela mo bogaufing, mme seemo se tokafale.

Legale mogokgo wa sekole se se botlana sa Mabuo, Mme Mogogi Boithamako a re sekole sa gagwe ga se na dikgwetlho tse di kalo tsa boroko ka se na le matlo a le lesome le bongwe a barutabana.

Mme Boithamako a re ka go twe mabogo dinku a a thebana, ba thusitse mapodise a le mabedi ka ntlo.

E ne e rile go le pele Kgosi Godirilweng a tshwaela fa banana ba le maoto a tshupa go tsaya mananeo a puso go ithabolola, a tlhalosa fa go ne go na le palo e potlana e e kileng ya tsiboga mme ya re go rakana le dikgwetlho di tshwana le bogodu, ba kgobega marapo.
E re le ntswa lenaneo la ESP le ise le goroge kwa Mabuo, Kgosi a re o kgothatsa banana gangwe le gape mo diphuthegong go itlhamela dikhamphani tse e tlaa reng fa le goroga, e nne bone ba ba ka fiwang ditiro.

Are banana ba tshwanetse go nna le seabe mo go godiseng le go tlhabolola motse wa bone, le go nna tlhaga mo ditirong tsa diatla ka di ka ba tshetsa di bo di tlhame mebereko ya sennela ruri. BOPA

Source : BOPA

Author : Olebogeng Binang

Location : Mabuo

Event : Potsolotso

Date : 20 Feb 2017