Breaking News

Seeletso o kopa tirisanyommogo

20 Feb 2017

Motsamaisi wa motshine o o tlhophisang, Rre Gabriel Seeletso o kopile baemedi ba diphathi tsa sepolotiki gore ba seka ba kgoreletsa ope go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba.

Rre Seeletso o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lekgotla le le tsamaisang ditlhopho kwa Shoshong bosheng. O ne a tlhalosetsa morafe gore le fa bangwe ba le ’bete se molangwana ka tiriso ya motshine mo ditlhophong tsa setshaba, ga ba a tshwanela go kgoreletsa ba bangwe, ka e le tshwanelo ya mongwe le mongwe go tlhopha.

Rre Seeletso a re ga se mongwe le mongwe yo o amogelang diphetogo tse, mme go setse go diragetse, jalo he, botlhe ba netefatse gore ba tlhopha puso e ba bonang e ba siametse.

A re lekgotla la IEC le tsile go tsamaya dikgaolo tshotlhe tsa botlhophi go bona gore Batswana ba itse ka motshine o.

O ne a tlhalosa gore ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go rutwa, a tlatsa ka go re go itse mosola wa go tlhopha ke boikarabelo jwa botlhe. A re diphetogo tsa go tlhopha ka motshine di tsile go sena go sekasekwa gore go ka dirwa jang gore ditlhopho di tsamae ka thelelelo. Are kwa tshimologong, go ne go tlhophiwa ka go latlhela ditalama, mme ga tloga ga tsena difomo, jaanong go tsile go dirisiwa motshine.

Fa a tlhalosetsa banni ba Shoshong ka diphetogo tse dingwe, Rre Seeletso o ne a supa fa dituelo tsa go emela bokhanselara gammogo le bopamanete di tsholetsegile. Mokhanselara o tlaa duela P1 000 fa mopalamente ene a tlaa duela P5 000.

Banni ka bontsi ba atlile mogopolo o, mme ba supa fa ba o emetse gore o tsene mo tirisong. BOPA

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Feb 2017