Banana ba ithuta ditiro tsa diatla
20 Feb 2017
Mogokaganyi wa mokgatlho wa Motlaagana wa Banana, Mme Rebecca Motswetla a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go ruta banana ditiro tsa diatla gore ba itlhamele mebereko.
O boleletse BOPA jalo boshenng kwa Serowe, a re mokgatlho o, o tlhamilwe ka 2009 mme wa bulwa semmuso ka 2011.
A re mokgatlho o, o ikemetse ka nosi, a supa fa ba ruta banana go roka le kapei ya borotho.
Go duelwa P300 fa dithuto di tsaya dikgwedi tse thataro mme e re morago baithuti ba fiwe ditlankana.
A re mokgatlho o na le baithaopi ba le bane ba ba rutang banana.
Mme Motswetla a re ba ne ba itemogela gore banana ba le bantsi ga ba bereke, ke ka moo ba neng ba tlhama mokgatlho o, go fema gore banana ba seka ba inaakanya le ditiro tse di ka ba gogelang mo thaelong.
A re ba setse ba alositse banana ba le masome matlhano mme bangwe ba bone ba a ipereka, fa bangwe ba thapilwe ke madirelo.
Mme Motswetla a re ba tshela ka go kopa dithuso mo makalaneng a a ikemetseng le a puso, mme ba setse ba thusitswe ke meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa ka P166 000 go reka didirisiwa tsa kapei fa BotswanaPost Foundation ba thusitse ka koloi.
A re mokgatlho o kokoanya madi ka go rekisa dilwana tse ba di dirang, mme madi a teng ke one a ba rekang tse di tlhokegang, le go duela ba ba ithaopileng le fa a sa lekana.
A re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlo a borutelo, mme ba kopile lephata la banana go ba okeletsa matlo a borutelo.
Mme Motswetla a re kgwetlho e nngwe ke ya madi, a re banana bangwe ga ba duele, mme dituelo tsa bone ke tsone di thusang go tsamaisa mokgatlho, a lela gape le ka kemonokeng ya batsadi e e boutsana.
O kgothaditse banana go tsaya tiro ya diatla ka tlhoafalo, go imolola puso morwalo. BOPA
Source : BOPA
Author : Lesedi Kgosikhumo
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 20 Feb 2017






