Breaking News

Marekisetso a PEP a thukuthilwe

16 Feb 2017

Mapodisi a Kanye amo patlong ya banna ba le bararo ba irileng mo mosong wa Mosupologo ba thuba mo marekisetsong a PEP mme ba utswa P14 000.
Mogolwane wa Mapodisi a Kanye Superintendent Mmoloki Mogale a re polokelo ya madi ya marekesetso ao e thuntshitswe ka majaratini ka Mosupologo mo mosong nako e ka nna masome a mararo morago ga nako ya boraro mo mosong.
Supt Mogale a re go belaelwa fa batho bao ba tsene ka seokomela bagwe mme ba thuntsha polokelo ya madi mo bane bafelela ba utswa P14 000.
Mo tiragalong e nngwe Supt Mogale a re ba kgonne go  gapa megala ya letheka e le mentsi mo marekisetsong a le mane ba kopane le ba Botswana Communications Regulatory Authority(BOCRA).
A re ba BOCRA ba ne ba kopa thuso ko go bone e le ba sepodisi gore ba lekole marekisetso a go nna jalo ka ba belaela fa ba rekisa megala mengwe ntswa ba sena diteseletso tsa go ka e rekisa.
O boletse fa ba gapele megala eo mo marekisetsong a a latelang PEP,ASHA,Furnmart, le Edgars. Are ka fa molaong, ope yo o rekisang megala o tshwanetse a bo a na le teseletso.
Supt Mogale a re mongwe le mongwe yo o rekisang megala ya lotheka o tshwanetse go rekisa e e nang le boleng, a re botlhe ba go tserweng megala ya go nna jalo mo go bone ba lebisitswe molato.
A re fa go fitlhelwa mongwe a rekisa megala a sena teseletso o ka duedisiwa madi a a seng ko tlase ga  dikete tsedi lesome tsa dipula, mme eseng go feta di dikadike tse pedi tsa dipula .
Supt Mogale a re marekisetso a a filwe malatsi a le lesome le bone gore ba bo ba setse ba duetse, go sanneng jalo batla isiwa fa pele ga kgotla tshekelo.
Er re dikgang di eme jalo, Supt Mogale o kopile setshaba go thusa go batla mosetsana wa dingwaga tse di lesome le borataro wa Tshweneyagae yo o nyeletseng kgwedi ya Firikgong ele masome a mabedi le bone.
Supt Mogale a re mosetsana yo o yo a neng a dira mophato wa boraro ngogola o dule mo lapeng a sa laela ope, mme go utlwalelwa kwa Gaborone .
Supt Mogale o kopile gore yo o ka mmonang a mo kope go boela gae a tle go ya sekoleng ka jaana a tshwanetse go ya go dira mophato wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : potsolotso

Date : 16 Feb 2017