Lephata le tshegeditse kopo ya ga Tautona
16 Feb 2017
Lephata la dikago le boranyane le tshegeditse kopo ya ga tautona ya go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka go agela motlhoki wa kgotlana ya Gauxa mo Shakawe, Mme Kapande Veku ntlo ya dikamore tse pedi.
Lephata gape le mo reketse bolao, tanka ya metsi, dikobo, mesamo, ditilo, lefeelo, dilwana tse di jelang, melora le makgolo a mabedi a dipula mo godimo ga tseo.
Fa a bua kwa kabong dimpho eo ka Mosupologo, mokhanselara wa kgaolo potlana ya Shakawe Botlhaba, Rre Lesedi Boy o supile fa tiro ya mofuta oo e le botlhokwa ka e supa fa badirelapuso ba agetse kopo ya ga Tautona mosako ebile ba le mo motlhaleng wa gagwe.
O supile fa boikuelo jwa ga Tautona bo atlega mo kgaolong ya gagwe, a tlatsa fa ntlo eo e le ya boraro go agiwa ka lenaneo la boitlhaopo, a re seo se a itumedisa fela thata ka gore boitlhaopo ke namane ya tiro e ka se dirweng ke mongwe le mongwe, a re seo gape se supa kgatelo pele ya letshego la tshaba e e lorato e bile e le kutlwelo botlhoko .
Rre Boy a re le fa kgaolo ya Okavango e gateletswe ke matlhotlhapelo jaaka lehuma, letlhoko la ditiro, go tshabelelwa ke malwetse a tshwanang lekgwafu le tlhako le molomo a a busetsang matshelo a balemi barui kwa morago, mananeo a tshwanang le a, a tlhokega ka a thusa go busetsa seriti le go phimola keledi tsa banni ba kgaolo eo.
O ne a tlhalosa fa tiro e e dirilweng ke lephata leo e se motlhofo go ka lebalwa ka gore e tsenya seriti mo go ba ba tsayang karolo ka ba lemogiwa ke puso le setshaba ka kakaretso.
Fa a ntsha la gagwe mogolwane wa lephata la dikago, Rre Monika Setsi a re lephata la gagwe le simolotse go kokoanya madi ka maikaelelo a go a boloka mo letloleng la bone go simolola ka ngwaga wa 2006.
A re fa ntse go tsweletse ba ne ba tlhama lenaneo la Dimpho tsa Morena le le neng le gwetlha badiri ba lephata go nna ba latlhela sengwe mo letloleng.
Rre Setsi o tsweletse a tlhalosa fa morago ga go lemoga fa letlole la bone le nametsa ba ne ba thulanya dithogo go bona se ba ka se dirisang madi a bone mme ba lemoga fa go thusa batlhoki e le mang-mang.
Fa a ntsha la gagwe Mme Veku o ne a supa fa a itumetse e bile a leboga modimo ka ba lephata la dikago go mo namola mo dipuleng le matlhotlhapelo a mangwe, mme a ba eleletsa katlego mo botshelong.
O ne a supa fa a ikutlwa a le motlotlo thata ka le ene a na le se a ipitsang ka sone jaanong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesentseng Baagedi
Location : Shakawe
Event : Kabo dimpho
Date : 16 Feb 2017






