Breaking News

Loruo lo ijelwa fela

15 Feb 2017

Kgosi Shepard Pelaelo wa Natale a re go tlhoka tlhokomelo e e maleba tebang le leruo, segolo bogolo dihutshane ke sengwe se se rotloetsang bogodu jwa loruo mo motseng wa gagwe.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa seemo se se tsweletse ka go golela pele mme bontsi jwa ba ba amilweng ke bogodu jo ke bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la thuo ya dihutshane.
Kgosi Pelaelo a re go tlogela dihutshane kwa masimo lobaka lo loleele go se na motlhokomedi ke sengwe sa dilo tse di tlhotlheletsang bogodu.
A re seo se dira gore go tlhoke yo o bolotsang kgotsa yo o ka tlhomamisang gore loruo lo mmogo fa lo tlhatlhelwa.
Kgosi Pelaelo o bile a re go itshupa fa dingwe dihutshane di a bo di sa utswiwa, fela di ipha naga mme di felele di jewa ke dibatana mo nageng.
O supile gape fa a santse a le ’bete se molangwana ka tsela e bangwe ba e salang morago fa ba rekisa loruo.
A re bangwe ba santse ba dira tumalano fa gare ga moreki le morekisi fela go se na bosupi jo bo tseneletseng go rurifatsa mong wa loruo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Pelaelo a re o itumelela maiteko a bangwe barui ba a dirileng tebang le go ka lwantsha seemo se, a re ba tlhamile komiti e e tsweletseng go dira maano a go thusana le ba sepodisi go ka lwantsha borukhutlhi.
A re dingwe tse ba itebagantseng le tsone di akaretsa go tshwaya dihutshane ka go farologana go ya ka dikgotlana tsa motse.
Go sale foo, mogolwane wa mapodisi a Tatitown, Superintendent Cyprian Magalela a re le fa seemo sa bogodu jwa loruo se tshwenya, ba atla kemonokeng ya dikomiti tsa barui, a tlatsa ka go re maiteko a dikomiti tse tebang le go lwantsha bogodu jo a tswa tema. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : NATALE

Event : POTSOLOTSO

Date : 15 Feb 2017