Breaking News

Kago ya matlwana a borutelo e ya motsubong

15 Feb 2017

Kago ya matlwana a borutelo ka lenaneo la tsosoloso itsholelo kwa sekoleng se sebotlana sa Segale kwa Mochudi e ya motsubong ka go sa sala sepe gore kago e neelwe khansele semmuso.
Kago eo e ne e agwa ka didikadike di supa tsa pula.
Mogolwane wa kompone e e dirang kago eo ya Rapula Plant Hire, Rre Kaunda Mokgadi o buile mo potsolotsong gore ba ne ba filwe tiro ya go aga matlwana a borutelo a le lesome le boraro e bile a na le ntlwana ya peelo didirisiwa, ntlwana nngwe le nngwe. Rre Mokgadi a re ba ne ba aga matlwana ao le dikago tsa matlhatlaganyane di le pedi.
A re dikago tseo di setse di wetse tsotlhe mme go setse go penta mabati ga mmogo le ditshipi tsa matlhabaphefo.
O tlhalosa gore ba simolotse tiro eo ka Moranang ngogola mme ba solofetse gore e re monongwaga Mopitlo a ya fifing e be e wetse e bile ba e rola semmuso.
Rre Mokgadi a re ba ne ba thapa banni ba motse ba le masome marataro le borataro mme ba le masome mararo le boraro e le banana.
A re mo nakong ya gompieno ba setse ka babereki ba le masome a mabedi le bongwe ka go sa sala tiro e e kalo.
O tlhalosa gore le kompone ya Floric-Ven Holdings e e neng e tsenya motlakase mo dikagong tseo e setse e weditse tiro.
A re tirisanyommogo le khansele e ne ya nna le seabe mo go feleng ka bonako ga tiro ya bone, a kaya fa khansele ya Kgatleng e ne e ba eme nokeng le go ba fa dikgakololo.
Rre Mokgadi a re le ntswa tiro e wela, ba kile ba kopana le dikgwetlho jaaka go tlhaela ga setena mo go neng ga ba babalela ka lobaka mme ga seka ga ba kgoba marapo.
A re kgwetlho e nngwe e ba kopanyeng le yone ke seemo sa loapi se se sa iketlang jaaka pula le mogote o o feteletseng.
A re mogote o ne o itsa babereki go ntsha maduo a a kgotsofatsang mme seo se dire gore tiro e nne bonya.
Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Elisha Kgosi o ne a re o itumeletse dikago tseo ka go ntse go na le tlhaelo e e kwa godimo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng sa gagwe.
Rre Kgosi a re o solofela gore dikago tseo di tsise maduo a a botoka mo barutabaneng ka ba ntse ba rutela mo sepitlaganyaneng.
O tlhalosa gore koketsego ya matlwana a borutelo e tlaa fa sekole seriti ga mmogo le tikologo e e phuthologileng mme seo se ka dira gore bana ba ithute sentle ba sa pitlagana.
Rre Kgosi o akgola kompone eo go bo e berekile ka natla go diragatsa maitlamo a bone a go fetsa ka nako.
A re ntswa go santse go pentwa, o itumelela seemo sa matlwana ao, a tlhalosa gore ga a ngongoregele boleng jwa one.
O leboga puso ga mmogo le khansele go utlwa selelo sa gagwe sa tlhaelo ya matlwana a borutelo. A re go ne go se motlhofo go ka atlega ka e bile sekole seo se le segologolo thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : MOCHUDI

Event : POTSOLOTSO

Date : 15 Feb 2017