Metlhala ya khumo e mentsi
15 Feb 2017
Ditsela tsa itshetso di dintsi.
Le fa go ntse jalo go tlhoka motho yo o nang le lorato, tlhaloganyo, bopelotelele le go ela tlhoko tse di diragalang mo tikologong.
BOPA e ne ya buisana le mogwebi yo mmotlana, Rre Keitebetse Keitebetse wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa yo o kaileng fa a sale a simolola go ipereka ka ngwaga wa 2012 morago ga go tlogela tiro e a rileng o ne a sa bone maduo a yone.
Rre Keitebetse o ne a seka a ipona tsapa kgotsa go iteba dinala, a baya tafole fa thoko ga tsela go rekisatselele tsele.
Mo bogompienong o setse a atolositse kgwebo ya gagwe ka go tlamela bapalami ba dikoloi tsa setshaba ka ditilo le moriti kwa Sebele.
A re o ne a gwetlhwa ke gore fa maemelong a dibese fa a berekelang teng go ne go se na moriti kgotsa ditilo tse gantsi di fitlhelwang mo maemelong a dibese.
O kaile fa mogopolo wa go reka ditilo le tante o ne wa mo tlela mme a ipotsa gore a mme setshaba se se dirisang maemelo ao se tlaa atla mogopolo oo.
“Ke ne ka kokotletsa madi. E rile ka Sedimonthole ngogola ka reka tante le ditilo tse some, tota ke ne ke lekeletsa fela mme ke itumelela maiteko a me ka a ntswela maduo.
Bangwe ba ne ba kgala mogopolo o fa ke ba bolelela ka one, ke ne ka kgobega marapo go simolola mme kwa morago ka beta pelo,” Keitebetse a tshwaela.
Rre Keitebetse a re o duedisa P1 fa motho a nna mo setilong, mme ka Sedimonthole o ne a kgona go dira madi a a fetang P50 ka letsatsi, fa mo bogompienong a kgona go dira madi a a fa gare ga P20 le P30, a tlatsa ka go re ga a nyatse selekanyo se madi ao a tsenang ka sone.
O tlhalositse fa metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka balati, a re go diemo di le dintsi tse di ka thusang motho go akanya go dira kgwebo e e ka atang gongwe ya tlhama ditiro, a tlatsa ka go re setshaba se tshwanetse go leka botshelo ntlha tsotlhe.
O ne gape a tlhalosa fa malatsi ano puso e otlolotse letsogo go thusa ope yo o nang le mogopolo o o ka thusang mo go tlhameng ditiro, ka jalo a gatelela gore setshaba se seka sa ipona tsapa go kopa dithuso mo maphateng a puso, a tswelela ka go re bopelotelele bo botlhokwa fa motho a tsena mo kgwebong.
Rre Keitebetse o ne a wetsa ka go re Batswana ka kakaretso ba ithotloetse go diragatsa megopolo ya bone, a re ga go molato go kopa dikgakololo le tsela mo go ba ba setseng ba simolotse.
O ne gape a rotloetsa ba ba eletsang go simolola kgwebo e e tshwanang ya gagwe go batla lefelo go direla teng, a tlhalosa fa go le gantsi Batswana ba na le mokgwa wa go kgobokanela mo lefelong le le lengwe fela mo go felelang go diga kgwebo ya yo mongwe.
Mongwe wa badirisi ba ditilo tsa ga Rre Keitebetse, Mme Thabo Gower yo o neng a kaya fa a sale a emetse mongwe oura.
O ne a akgola maiteko a, a tlatsa ka go re Rre Keitebetse o ba akanyeditse ka jaana ba tshabela dipula le letsatsi mo tanteng.
Mme Gower o ne gape a tlhalosa fa bahumi ka bontsi ba simolotse ka dilo tse dipotlana go fitlhelela ba gola ba atlega mo go tse ba di dirang, a wetsa ka go leboga maiteko a ga Rre Keitebetse a re o mo eleletsa gore a tswelele a bo a atlege mo go tsa bogwebi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : GABORONE
Event : POTSOLOTSO
Date : 15 Feb 2017






