Ipelegeng e tlhabolola matshelo
15 Feb 2017
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Phaleng kwa Shoshong, Rre Phokoletso Beleng a re lenaneo la Ipelegeng le tlhabolola matshelo a banni ba kgotla ya gagwe le mo motseng ka kakaretso.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa go thapiwa badiri ba le masome a ferabobedi le bobedi kgwedi le kgwedi mo kgotleng ya Phaleng fela.
A re palo e, e kwa godimo ka gore motse o atologetse thata teng, a tlatsa ka go re gompieno Ipelegeng le mananeo a mangwe a puso ke konokono mo go tlhameleng banni mebereko.
A re dikatso tse badiri ba di amogelang di ba kgontsha go kopantsha matlhoko a bone, jaaka go rekela bana paka ya sekole, dijo le tse dingwe.
Rre Beleng a re bontsi bo thapiwa mo ditirong tsa go phepafatsa dikago tsa puso, kwa mabitleng le mo thoko ga tsela go kgaola tlhaga le go rema ditlhare.
A re le ntswa lenaneo le le tsamaya ka thelelo, bontsi jwa baikopedi ke bomme mme a kgothatsa borre go tla go ikwadisa gore ba thuse mo ditirong tse di bokete jaaka go rema le go epa.
Rre Beleng a re ene le komiti ya gagwe e e magorogo masha, ba lemogile fa ditiro tsa VDC ka bontsi di saletse morago, bogolo jang go tlhabolola matlo a a hirisiwang.
A re kgwetlho e tona ke gore le fa go hirisediwa badirelapuso ka bontsi, le dituelo tse ba di lopiwang di le kwa tlase, bahirisi ga ba duele sentle, mme se se paledise go dirwa ditlhabololo.
O tlhalositse gore e re le fa komiti e e okametse dilo di le mmalwa tse di ka dirisiwang go tsenya madi, mo nakong ya gompieno se ga se kgonagale ka gore di phutlhame.
A re ba leka go tsosolosa ditiro tse, di akaretsa tshingwana ya merogo e e nang le sediba ga mmogo le sekole sa bananyana mme ba dumela fa di ka kgona go tsenya madi mo letloleng.
Rre Beleng a re o itumelela ditlhabololo tse di dirwang tebang le tsamaiso ya dikomiti tsa ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : SHOSHONG
Event : Potsolotso
Date : 15 Feb 2017






