Lenaneo le tlodisa Ramagala melatswana e tletse
14 Feb 2017
Erile go lemoga manokonoko a kwelotlase ya itsholelo, puso ya tlhama mananeo a ka one e ka ogolang Batswana mo bothateng jo, lengwe e le la nyeletso lehuma.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Batang Ramagala wa dingwaga tse di masome marataro wa motse wa Dibete yo o tsweletseng ka go akola dintlenyane tsa lenaneo la nyeletso lehuma a itebagantse le go roka, o iteetse lenaneo le legofi.
Mme Ramagala a re tiro e ya go roka o tswa kgakala le yone. A re o ne a thapilwe ke kompone nngwe kwa Gaborone mme e rile go kgaolwa mo tirong a boela gae.
A re botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga ka 2014 fa puso e mo fa didirisiwa tsa go roka morago ga gore a isiwe ithutuntshong ya go roka dibeke tse tharo kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla sa Ramatea kwa Kanye.
O tlhalosa gore o lekolwa gangwe le gape ke ba boipelego go kanoka ka fa kgwebo ya gagwe e dirang ka teng le go mo fa maele a go tsamaisa kgwebo.
Mme Ramagala o tlhalositse fa dipoelo di nametsa e bile bareki bagolo ba gagwe e le ba ba rekang paka ya sekole, mme fa e le ka paka ya mariga gone a dira dipoelo tse di botoka le go feta.
A re diaparo tse a di rokang di a ipuelela ka gore o roka sone tota se moreki a se batlang, ka jalo ke gone ka fa a gaisanyang le baroki ba bangwe ka teng.
Mme Ramagala o boletse sefatlhego sa gagwe se tletse boitumelo ka fa a kgonneng go tsenya motlakase mo ntlong ya gagwe ka teng ga mmogo le go tsenya difensetere mo ntlong e nngwe ka dipoelo tsa go roka.
A re le ntswa kgwebo e nametsa, o na le bothata jwa go senyega ga metshine ga mmogo le bareki ba ba tsayang lobaka go mo duela fa ba kolotile.
Mme Ramagala o rotloeditse Batswana ba bangwe, bogolo thata banana go dirisa mananeo a puso e ba a beileng pele go tokafatsa matshelo a bone.
‘’Ke ka rotloetsa Batswana ka kakaretso, segolo thata banana ka gore ke bone ba tshabelelwang ke botlhokatsebe go dirisa mananeo a puso e a tlhamileng go tokafatsa matshelo a bone,’’ Mme Ramagala a kgothatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moleleki Tsholofetso
Location : DIBETE
Event : POTSOLOTSO
Date : 14 Feb 2017






