Breaking News

Ba Mogapinyana ba amogela dimpho

14 Feb 2017

 E ne e le megolokwane kwa kgotleng kgolo ya Mogapinyana bosheng fa banni ba koo ba ne ba amogela dimpho  go tswa mo dikomponeng tse di farologanyeng jaaka Pep Holdings, Yarona FM, Ladies Circle le tse dingwe go tswa kwa lerala.  
Dimpho tseo, tse di neng di akaretsa dikobo le diaparo, di abetswe batho ba le makgolo a mabedi, masome a fera bongwe le bongwe, mo go bone go le bagodi ba le lekgolo le bosupa, masiela a le masome marataro le boferabobedi, ba batlhoki ba le masome a fera bobedi le bongwe fa ba-na-le bogole bone ba ne ba le masome mararo le botlhano.
 Kgosi  Molebatsi Moroka a re go bona dimpho tse go ne go se motlhofo mme go ne ga kgonega ka popagano ya boeteledipele jwa metse e e neng e amega mo tirong e.
Kgosi Moroka a re e le dikgosi, ba ne ba bona go tshwanela gore ba thulanye ditlhogo go rarabolola mathata a botlhoki mo metseng ya bone mme ba kopa dithuso kwa dikomponeng.
A re ka thuso ya Modimo, dikompone dingwe di ne tsa utlwa selelo sa bone mme tsa itlama go ba thusa ka diaparo le dikobo, a re go dira jalo e le dikgosi tsa kgaolo ya Letswapo ke go thusa puso fa e tlhaelang teng ka go tsaya karolo mo go tlhabololeng matshelo a morafe.
O ne a supa fa puso e direla setshaba go le gontsi e bile matshelo a fetogile ka mananeo a puso a a farologanyeng jaaka a nyeletso lehuma, Ipelegeng le a banana a bo YDF.
A re ke keletso ya bogosi mo Lerala, Majwaneng le Mogapinyana gore dikgosi di thuse setshaba se se farafarilweng ke manokonoko a itsholelo, a re ga ba a felela foo ba mo mananeong a mangwe a go diragatsa kopo ya ga Tautona ya go gadima ba ba tlhokileng lesego ka go agela batlhoki matlo ka di-tsa bone.
 Kgosi Moroka o ne a solofetsa morafe wa Mogapinyana gore ba tlaa  sekaseka  go bona yo o tlhokang bonno, a re gape ba tlaa oketsa mo nakong e e tlang ka go reka le tsone dijo tota.
Kgosi Moroka a re go botlhokwa go fetola matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, mme a rotloetsa setshaba go tlhotlheletsa mowa wa kutlwelobotlhoko o ba ntseng ba na le one e bile ba itsewe ka bopelotlhomogi.  
A re buka e e boitshepho ya re ‘abelang bahumanegi ka lorato mme lona ba ba abang lo tlaa okelediwa ga lesome ga lesome lo bo lo segofadiwa’.  
Mo boemong jwa dikompone tse di neng di aba dimpho, Rre Barulaganyi Mogotsi o ne a re, fifing go tshwaranwa ka dikobo, botshelo jwa gompieno bo tlhoka gore batho ba bo thusane jaaka le kgetsi ya tsie e tlhoka go tshwaraganelwa.   
A re Batswana ba tshwanetse go nna le seabe mo ditlhabololong tsa ba bangwe e bile bana ba godisiwe ka mowa wa lorato gore e tle e nne baeteledipele ba motiya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : MOGAPINYANA

Event : Kamogelo dimpho

Date : 14 Feb 2017