IEC e lekodisa bogogi
13 Feb 2017
Mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (IEC) Rre Gabriel Seeletso a re molao o mosha wa tiriso ya motshine o o tlhophisang o setse o fetisitswe kwa palamenteng ngogola.
A re ka jalo se se tlama IEC go tsenya molao o mo tirisong, a re ba itse gore ga se botlhe ba ba tlaa o amogelang motlhofo ka gore phetogo ga e ke e tlhoka dipelaelo.
Rre Seeletso o buile jaana fa a buisa puthego ya kgotla ya baeteledipele ba metse le morafe mo Letlhakane ka Labobedi, a tlhalosa gore magosi le makhanselara jaaka e le bagogi ba tshwanetse ba rutuntsha morafe ka sepe fela se se amang matshelo a bone.
O ba gwetlha go anamisa kitso ka molao o gore ba nne mo seemong sa go ka thusa go isa thuto kwa setshabeng fa lekgotla le ba tlhoka go dira jalo. A re dikgosi le makhanselara ba tlamega go tlhalosetsa setshaba ka molao o.
O ne gape a re maikaelelo a mangwe ke go ba lekodisa ka ditsetlana dingwe tse di fetotsweng mo molaong wa ditlhopho.
Rre Seeletso o bile a gakolola bogogi ka tirisanyo le tshwaragano fa gare ga bone le lekgotla le le tsamaisang ditlhopho gore tsamaiso ya ditlhopho e atlege.
A re kgang e nngwe ke go ba tlhalosetsa gore mo go one molao o, go na le dilo dingwe tse di tlaa amang batlhophi ga mmogo le bontlhopheng, tse di akaretsang go emisiwa ga ikwadiso ya tlaleletso, tiriso ya motshine le koketso ya madi a a duelwang ke ba ba eletsang go emela ditlhopho.
Banni ba ne ba supa gore ga go mosola gore ba bolelelwe ka molao o setse o fetisitswe kwa palamenteng, ba re ga go a nna le therisanyo le morafe gore ba ntshe maikutlo a bone jaaka go tlhola go dirwa. Rre Meshack Thanke a re madi a a rekang metshine a kabo a diritswe mo ditlhabololong, le go tlhama ditiro, ka e bile metshine e e dirisiwa letsatsi le le lengwefela.
Rre Petrus Mokgalo ene a re Batswana ba palo potlana thata gore go ka dirisiwa metshine. Rre Otsile Mmatlakgomo ene o ne a botsa gore a boranyane jwa motshine o bo motlhofo go tsiediwa, le gore fa mochine o ka senyega go tlhophiwa go ya go dirwa jang.
E rile a ba araba Rre Seeletso a tlhalosa gore metshine ga e ise e tle mme e tlaa re fa e goroga go rutwe setshaba ka tiriso ya yone. A re banalebogole le bagodi ba tlaa thusiwa fela jaaka ba ntse ba thusiwa. O ne gape a tlhalosa fa mapalamente le makhanselara ba bontshitswe sekai sa motshine oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego tsa kotla
Date : 13 Feb 2017






