Breaking News

Tautona o abela ba Maleshe

13 Feb 2017

Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o abetse banni ba Maleshe dikobo, dibaebele le ditilo mme morago a ja le bone selalelo.
Tautona Khama o ne gape a abela bana ba motse oo dimonamone a bo a fa setlhopha sa kgwele ya dinao paka ya kgwele ya dinao. Tautona o ne a dira jaana go atamalana le morafe go utlwa matshwenyego a one le gore ba ka thusiwa jang go tokafatsa matshelo a bone.
E ne e rile go le pele kgosi Gabriel Ntau a bolela fa ba tlhoka loobo lwa kgotla a bo a kopa gore tsela e e yang kwa motseng wa bone e tshelwe sekontere. Kgosi Ntau o ne gape a supa fa motse wa bone o godile mme o tlhoka mapodisi.
O lebogetse loeto lwa ga Tautona go tla go bona gore ba tshela jang.
Fa a araba kopo ya ga kgosi, Tautona o ne a e re le ntswa madi a go aga loobo a se yo, o tlaa leka go ikopanya le batsamaisi ba bangwe go bona gore a go ka seke go senkwe madi go thusa.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Frans Van Der Westhuizen o iteetse dimpho legofi, a tlhalosa fa go na le bangwe ba ba kgalang tiro e, mme a kgothatsa banni go dirisa dimpho tseo sentle.
Banni ba ne ba supa boitumelo go bo Tautona a ba etetse, ba supa fa ba ntse ba utlwalela tiro ya mofuta oo kwa mafelong a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : MALESHE

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Feb 2017