Breaking News

Choppies ya Moshupa e thukuthilwe

12 Feb 2017

Dilalome dingwe di le tharo di mo diatleng tsa mapodisi go arabela molato wa go thukhutha marekisetso a Choppies Supermarket kwa Moshupa ka bosheng.
Erile a bua mo potsolosong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Moshupa Superintendent Oteng Nganda a re magodu ao a thukhuthile marekisetso ao madi a a fetang dikete tsa dipula di feta masome a robabobedi le bone.
Mookamela mapodisi o tlhalositse gore erile ka Laboraro  magareng ga nako ya lesome le ya lesome le motso mo mosong banna bangwe ba le bararo ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi go ya go tse di masome mararo ba tlhasela lebentlele le legologolo la Choppies ko Moshupa ba ipapanne ka dibetsa.
Superintendent Ngada a re dilalome tseo mo go bone a le mongwefela ke Motswana fa ba le babedi e le ba lefatshe la Aferika Borwa, o tlhalositse fa banna bao ba ne ba kgona go kgothosa madirelo ao madi, mme ba tloga ba inaya naga.
Superintendent Ngada a re dilalome tseo di ne tsa amoga rre mongwe yo e leng mokgweetsi wa taxi, mo Moshupa koloi ya gagwe mme ba tsamaya ka yone go dira borukutlhi joo fa ene ba ne ba mmofile matsogo gore a seka a kgona go iphalotsha.
O tlhalositse gore morago ga tiragalo eo mapodisi a ne a tswa letsholo la go batla dilalome tseo mme ba fitlhela ba phuagantse rre yoo le koloi ya gagwe mo tseleng ya Moshupa/Manyana.
A re ka lesego babereki ba madirelo ao le mokgweetsi yoo wa taxi ga go ope wa bone yo o boneng dikgobalo tse di kalo a gatelela ka gore ga go a hulwa ope, kwantle ga mmereki a le mongwe fela yo o neng a thula tafole a leka go iphalotsha mme a bona kgobalo e potlana fela ka jaana a ne a isiwa kwa kokelwaneng mme a alafiwa a bo a gololwa lone letsatsi leo.
Legale Superintendent Ngada a re e ne ya re mo letsholong la patlo, mapodisi ba kgona go tshwara dilalome tseo teng ko Moshupa a ba a tlhalosa fa di le mo diatleng tsa mapodisi fa di tlhotlhomiso tsone di tsweletse.
O tlhalositse gore e tlaa re mo bogaufing ba itshupe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go arabela molato oo.BOPA

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : potsolotso

Date : 12 Feb 2017