Breaking News

Banni ba kopiwa go tlhoafalela thuto ya bana

12 Feb 2017

Mopalamente wa Gaborone Borwa, Rre Kagiso Molatlhegi a re o tshwentswe thata ke maduo a dikole aa sa nametseng.

Rre Molatlhegi o kopile banni ba kgaolwana ya Naledi, ba Naledi borwa, legare le bokone go tlhwaafalela thuto ya bana.

A re se se kgobang marapo ke go re go santse go na le bana ba sekole ba ba kgonang go tlhola mo mebileng ka nako ya sekole.

“Bana ke bokamoso jwa rona e bile ke baeteledipele ba rona, jaanong fa re sa ba gakolole re a itatlha,” a tlhalosa.

O kopile komiti ya ditlhabologo ya motse (VDC) le ya twantsho borukutlhi go tshwaraganela dikgwetlho di akaretsang go nwa bojwala le tiriso ya diritibatsi, a bo a ba tlama go ruta le go tseela batsadi ba ba ikgatholosang tlhokomelo ya bana ba bone.

“Ke tshwenyegile ke tiriso ya bojalwa mo batsading. Se ke go tlhoka boikarabelo, e bile go rotloetsa mekgwa e e maswe mo baneng,” Rre Molatlhegi a tlhalosa.

Rre Molatlhegi o kopile batsadi go lwantsha tiriso ya diritibatsi a re di tsisa mekgwa ee sa siamang jaaka borukhutlhi, go thuba malwapa le one malwetsi tota.

Fa a tlhalosa ka kwadiso ya ditsha e e sa tswang go tswalelwa, o kgalemile go re ope yo o a sa kwadisang setsha, a se ka a ya go kopa kwa ofising ya gagwe go letlelelwe go kwadisa.

Rre Molatlhegi o tlhaloseditse banni fa go tlaa nna le madi a ditiro tsa morafe a a tlhabololang mo metseng, a morafe o ka a dirisetsang ditlhabololo tse ba di batlang.

“Puso e tlaa ntsha P570 million Moranang a rogwa, mme kgaolo nngwe le nngwe e tlaa fiwa P10 million,” a tlhalosa.

A re banni ba Naledi ba sego ka madi ao a tla ditlhabololo tsa kgaolwana ya bone di setse di dirilwe ka bontsi, ka jalo go na le kgonagalo ya go re ba ka a dirisa go dira ditiro tse di ka direlang kgaolwana ya bone letseno, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go kopana go akantshana se se ka dirwang ka madi ao.

Rre Molatlhegi o ne a kopa megolopo mo dikganyeng tse di amang lephata la tsa boagedi, mesepele le bong, a supa fa go tlaa sekasekwa molao kakanyetsa oo letlelelang, kgotsa o tokafatsa go re go nne motlhofo go re bagwebi ba ka fiwa boagedi jwa sennela ruri fa ba tlhama dikgwebo le go beeletsa mo Botswana.

Are paakanyo e nngwe ya molao kakanyetso e tlaa nna e e letlelelang Batswana ba ba boneng boagedi jwa sennela ruri kwa mafatsheng a mangwe ka ntlha ya tiro kgotsa nyalo, go tswelela ba tshegeditse boagedi jwa bone jwa Botswana.

Fa a tlhalosa, Rre Molatlhegi o supile fa molao wa gompieno o sa letle gore fa Motswana a ka bona boagedi kwa mafatsheng a sele a tswelele a tshegeditse jwa Botswana.

Kgosi ya Naledi, Rre Anold Somolekae a re go a itumedisa go re kgotla ya gagwe e gatetse pele go gaisa dikgotla tsotle kwa Gaborone ka go sekisa ditsheko ka bontsi.

Kgosi Somolekae o kopile mopalamente go re ba thusiwe ka bodiredi, a ka ba na le letlhoko la bakwaledi.

“Kgotla ya rona e tshwara dikgetsi tsa Old Naledi le Borakanelo Police Station mme go supafala gore fa re ka nna le mokwaledi yo mongwe go ka nna le maduo a a nametsang,” a supa.

Kgosi o supile matshwenyego ka pabalesego ya batho ba ba nnang go bapa le letamo la Gaborone, a a re o tshwenngwa ke pabalesego ya bone mo dirukhutlhing le mo dipuleng. ENDS

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : GABORONE

Event : kgotla meeting

Date : 12 Feb 2017