Breaking News

Bakwena ba roma lekoko

12 Feb 2017

Morafe wa Molepolole o amogetse mogopolo wa go ntsha lekoko le le tlaa yang kwa go Tautona go isa matshwenyego a bone mabapi le go tlhoka ditlhabololo mo motseng wa bone.
Ba ntshitse mogopolo oo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mapalamente a Molepolole Bokone, Rre Mohammed Khan le Dr Tlamelo Mmatli wa Molepolole Borwa ka Labone (February 9).
Rre Mpho Laolang le Rre Nametso Lesego ba ne ba ngongoregela letlhoko la metsi le ditsela gammogo le kgopho ya mesele ya metsi a a leswe.
Ba re nako e tsile ya gore ba rolele Tautona matshwenyego a bone ka ditlhabololo tse ba saleng ba di solofeditswe mo lenaneong la ditlhabololo la bosupa (NDP7), mme di sa diragadiwa le madi a felela a tsewa go ya go dirisiwa mo ditlhabololong kwa mafelong a mangwe.
Rre Keaboka Modise ene o ngongoregile ka seemo sa thuto se a reng se wela tlase ngwaga le ngwaga ka ntata ya batsadi ba ba sa tsenyeng letsogo mo go ageng bana.
A re se se ngomolang pelo ke metshine e e beilweng mo pele ga marekisetso mangwe mo thoko ga tsela e a reng e itaya bana tsebe ka jaana bana ba tsaya nako e ntsi ba tshameka kwa go yone.
Dr Mmatli o ne a lekodisa phuthego fa go baakanngwa ga tsela ya Molepolole jaanong go tlaa simologa kwa sekoleng sa Blue Bows, e seng kwa Metsimotlhabe jaaka go ne go kailwe.
A re le ntswa ba amogela go dirwa ga tsela eo go ka bo go nnile le therisanyo le boeteledipele jwa morafe.
Rre Khan o ne a kopa morafe go bua ka lentswe le le lengwe go emela motse wa bone.
Ka thuto o rile ba na le mananeo mangwe a ba batlang go a diragatsa mo thutong ya bana mme a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana.
Kgosi Kgari wa boraro wa Bakwena o ne a gakolola morafe gore pele ga ba ntsha lekoko ba batle bangwe go sekaseka dikgang tsa bone gore ba tle ba nne le motlhala o o siameng wa go di sala morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Feb 2017