Letsholo la go batla motho le tsweletse
12 Feb 2017
Banni ba Moiyabana mo kgaolong ya Serowe Borwa ba kopile mapodisi go tlhoafalela go batla Rre Moisareela Modise wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano wa kgotla ya Majelapeo kwa Moiyabana, yo o saleng a timetse Hirikgong a le lesome le borataro monongwaga.
Banni ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulaganyeditswe go tla go ba lekodisa ka seemo le go ba kopa go tsenya letsogo mo go thuseng mapodisi go batla rre yoo, yo go utlwalang a ne a tsamaya le ba bangwe go ya go dira tiro nngwe kwa polasing ya Monkgaphokoje.
Go utlwala fa ba a neng a na le bone e ne ya re go gorogeng ba seka ba dumelana le mohiri ka dituelo, mme ba boela gae, mme ene a ba tswa ka dipaka tsa menwana ba seka ba itse fa a tseneng teng.
Letsholo la morafe le maposisi le ne la bolola go ya go mmatla.
Sefofane sa tlhoo-tomo sa sepodisi le sone se ne sa kopiwa go tla go thusa mme ba itaya se fololetse.
E rile a rolela phuthego ka patlo, mothusa ramapodisi, Assistant Superintendent Bopelo Ntatiwa a kopa morafe go ba thusa.
O ne a supa fa ba okeditse mapodisi le dikoloi mo letsholong leo. Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana ene o ne a supa fa bone e le ba bogosi ba ntse ba tshwaragana kgapetsakgapetsa le botsadi go lekodisana ka seemo.
Kgosi a re ke sone se ba biditseng phuthego go tla go lekodisa morafe ka patlo mme a kopa morafe go thusa.
A re ba ba ka tswang ba na le kitso ya kwa motho a ka bonwang teng ba thuse.
E rile a tswa la gagwe, motsadi, Rre Mosimanegape Modise a tlhalosa fa ba ise ba nne le motlhala mme a kopa setshaba go thusa.
Morafe o ne wa supa go sa itumedisiweng ke ka fa patlo eo e dirwang ka teng, ba re ga e a nitama, morafe ga o a kopana ka mowa, mogopolo le maikutlo go batla motho, mme ba kopa gore go kopiwe ba dikereke le dingaka tsa setso go thusa.
Bangwe ba ne ba re patlo e kgorelediwa ke dipula gape ga go na setlhako kana motlhala o o bonalang mo tlhageng e tona.
E rile ba tswa la bone, Rre Gakethata Gareitse le Garesego Ramasimong ba gatelela botlhokwa jwa tshwaragano ya morafe, sepodisi le bogosi mo patlong.
Bangwe ba ne ba re go botsolotswe yo o neng a ba tsere ka maikaelelo a go ba thapa.
Morafe o ne wa wela ka go re nako e sale teng, ba kopa ba sepodisi go busetsa sefofane, le go tla ka dintsa tsa bone tse di dupang, le gone gore dingaka le baporofiti ba kopiwe go nna teng.
Morafe o ne wa kopiwa gore o thuse mo go ntsheng se se ka fepang ba ba batlang.
Bangwe ba ne ba kopa gore morero o nne teng ka dinako tsotlhe go lekodisa morafe ka seemo, gape go dikologwe dipolase tsotlhe fela tse di mo tikologong ya kwa motho a nyeleletseng teng.
Fa a araba dikgang tseo, Rre Ntatiwa o ne a re o tlaa fetisetsa kopo ya bone kwa mookameding wa sepodisi.
Ka kgang ya go batlwa ga dingaka le baporofiti, kgosi o ne a re seo ke kgang ya ba lolwapa ga e tlhoke morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOIYABANA
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 12 Feb 2017






