Magosi a kgothatsa balemi go le aramela
12 Feb 2017
Kgosi Elias Boseja wa kgotla ya Thini kwa Tutume a re balemi ba le aremele le sa ba tlhabetse ka dipula e le tse dinamagadi ka e bile Batswana ba supile fa e le batho ba ba itshetsang ka temo-thuo.
Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Boseja a re mo gompieno dipula di nele mo go nametsang le Batswana ba itumeletse seo.
A re sebe sa phiri ke gore bokgola bo bontsi bo kgoreletsa diterekere go lema ka di tshwarwa ke seretse mme seo se busetse tiro kwa morago.
Kgosi Boseja a re o itemogetse gore batho ka bontsi ga ba ise ba leme ka mabaka a seemo sa loapi sa dipula tse dintsi le tlhaelo ya diterekere.
Mme fa go buiwa mo seromamoweng go kailwe fa malatsi a go emisa temo a tlaa okediwa ka a le lesome mo godimo ga a a tlwaelesegileng.
Kgosi o ne a re balemi ba ba setseng ba lemile ba kaile gore ba kopana le dikgwetlho di tshwana le go senyega ga dijalo mabapi le metsi a mantsi, bangwe ba supa fa jaanong go nna dingalo go tlhagolela dijalo.
Fa a mo kgwa dikgaba, Kgosi Kebasupile Thini o ne a kgothatsa balemi gore ba tie moko mo ka e le yone tsela ya go ka bona se se ka jewang.
Kgosi Thini a re balemi ba tshwanetse go tlhaloganya dijalo le diemo tsa loapi le gore di siametse dijalo dife.
A re balemi ba nne pelotelele ka tsa loapi di sa fetolwe ke motho.
Kgosi o rotloetsa gore balemi ba ikopanye le ba lephata la tsa temo-thuo ba ba tlhatlhelele ka tsa temo le leruo gore ba tle ba thuse ka go ntsha dijo tse di lekaneg go jesa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Tutume
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Feb 2017






