Maiteko gaatswe dipe - Mdengwa
09 Feb 2017
Mapodisi a Lentsweletau a emisitse patlo ya monna yo go belaelwang a tserwe ke molapo o o neng o penologa kwa masimong a Lekgalong gaufi le Lentsweletau mo mosong wa letsatsi la Mosupologo.
Mogolwane wa mapodisi a Molepolole le tikologo, Superintendent Charles Mbegwa a re e re ntswa ba lekile go sala morago magatwe a motlhala wa pego eo, ba ne ba ise ba nne le kutlwedi le fa e le gone go utlwalela ope yo o ka tswang a sa bonwe.
O tlhalosa fa ba ne ba amogela pego ka bangwe ba ba neng ba tlhalosa fa ba ne ba bona monna mongwe a kua a kopa thuso a kaalaletswe fa gare ga boidiidi jwa metsi fa le bone a ne a ba kganeletse ntlha e nngwe ya molapo.
A re ba ne ba dira maiteko a go kopa thuso ya sefofane sa tlhoo-tomo sa mapodisi le ba boitseanape jwa metsi go tswa kwa SSG mme go sena kutlwedi.
Mongwe wa banni ba masimo a Lekgalung, Rre Tiro Leero yo o nnang gaufi le lefelo le go belaelwang e le la tiragalo a re e re ntswa a ne a se teng go ka tlhomamisa se tota se ka tswang se diragetse o ne a bona dintsa di le pedi di kaila fa go kaegang motho yoo a neng a eme teng gaufi le lotshitshi lwa molapo.
Rre Niso Tlhalefang o kaya fa ba ne ba tlhaeletsanya le monna yo o neng a le fa gare ga metsi pele ga a palama mmotwana wa noka mme ya bo e le fa ba mmona la bofelo jaaka a ne a sirwa ke ditlhare ka jalo ba seka ba tlhola ba itse gore go diragetse eng.
Patlo eo go ya ka mogolwane wa sepodisi sa SSG yo o eteletseng pele lekoko la baitseanape ba metsi, Seargent Modisana Gaothuse, ke nngwe ya tse di bokete go dirwa ka jaana go sena motlhala ope o ba o setseng morago.
A re ba ne ba tsiediwa ke gore molapo oo o na le ditlhare tse di kopanelang fa gare e bile gaobophara mme gape ga ba a kgona go tshwara sepe sa diaparo go ka thusa ka motlhala o o ka salwang morago.
Ka jalo Rre Gabathuse o kopa setshaba go thusana ka leina la ope yo a ka tswanng a sa bonwe kwa kgaolong eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : LENTSWELETAU
Event : Potsolotso
Date : 09 Feb 2017






