Magodu a loruo a tlhakaladitse
09 Feb 2017
Mookamela mapodisi a Tati Town, Superintendent Cyprian Magalela a re bogodu jwa leruo kwa kgaolong ya gagwe bo a kekela.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Supt Magalela o tlhalositse fa se se gakadiwa ke gore kgaolo ya gagwe e sephara ka jaana e akaretsa metse e le lesome le motso, mme e bile bontsi jwa yone e dikaganyeditswe ke meraka le masimo.
O tlhalositse fa kgaolo ya gagwe e akaretsa Mathangwane, Mafungo, Hubona, Marobela, Makaleng, Marapong le Matsitama gareng ga e mengwe mme a re loruo lo lo amegang bobe ke dikgomo, dinku, dipodi le ditonki.
A re ngogola ba dikile ba gatisitse ditsheko di le masome marataro le bongwe tsa tsa bogodu jwa loruo, a tlatsa ka go tlhalosa fa mo monongwaga fela ba setse ba gatisitse dikgang di le nne mo dikgweding tse pedi tsa ntlha.
O tlhalositse fa mo dikgannyeng tsa ngogola go ne go utswilwe dikgomo di le masome matlhano le bosupa mme mo go tsone ga bonala di le masome matlhano.
“Dipodi go ne go utswilwe di le masome a roba bongwe le boraro, mme ra kgona go bona di le masome a mararo le bongwe. Dinku go ne go utswilwe di le lesome le bongwe mme ra bona tse pedi fela,” a tlhalosa.
Supt Magalela o ne a tlatsa ka go re ditonki tsone go ne go utswilwe di le masome a mabedi le borobabongwe mme di le tlhano tsa kgona go bonwa.
Mo dikgannyeng tsa monongwaga, a re ba tshwere banna bangwe ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mararo le borobabongwe mabapi le dipodi tse di masome mabedi le borataro tse go belaesegang e le tsa bogodu.
Supt Magalela o supa fa dikgang tse di ama banna segolo bogolo, mme e bile go belaesega gore go na le batho bangwe ba ba gwebang ka nama ya loruo lwa bogodu.
Ka jalo, o ne a kopa batho ba go nna jalo go ikgapha mo mekgweng eo, a re go dira jalo ke nngwe tsela ya go rotloetsa borukutlhi le ntswa ba eletsa gore setshaba se nne le seabe se se bonalang mo go hemeng borukutlhi lefatshe ka bophara.
O bile a ikuela mo Batswaneng go emisa mokgwa wa go thapa batswakwa e se ka fa molaong, a tlhalosa fa ba itemogetse gore go dira jalo le gone go na le fa go leng teng mo go utswiweng ga loruo mo kgaolong.
“Barui ba tshwanetse go itlwaetsa go hira beng gae e bile e le batho ba ba tshephagalang ka dinako tsotlhe, kgotsa fa ba thapa batswakwa, ba sale tsamaiso morago,” a tlhalosa jalo.
Go sa le foo, Supt Magalela o rotloeditse barui go itse loruo lwa bone mo go tseneletseng mme gape ba itse sentle batho ba ba disang.
A re go dira jalo go ka ba thusa go menagane go tila gore ba fitlhele loruo lwa bone le ba dule ka diphatlha tsa menwana.
Supt Magalela o tlhalositse fa mapodisi le mekgatlho ya balemi-barui ba tlaa leka ka gotlhe mo ba go kgonang go netefatsa gore dikgang tse fa di begwa, ba a di tshwaraganela.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 09 Feb 2017






