Breaking News

Mapodise a tlhotlhomisa kotsi ya terena

08 Feb 2017

Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa kotsi ya terena e e bakileng dintsho tsa banna ba le babedi ka Labotlhano.

E rile BOPA e bua le ramapodisi a Mochudi Superintendent Olebile Sitale a tlhalosa fa ditlhotlhomiso tsa bone di supile fa mokgweetsi wa koloi eo a ne a leka go fapaanya makgabaganyo a terena ko Morwa ka nako e terena e neng  e setse e le gaufi.

A re ka go tlhoka lesego terena e ne ya thula koloi eo mme ya baka leso la banna ba dingwaga tse di masome a mabedi le bone le masome a mararo le borataro.

Superintendent Sitale a re banna bao ke bana ba motho kwa motseng wa Morwa mo kgaolong ya Mochudi Bophirima.

A re mongwe wa bapagami mo koloing eo o sa ntse a robaditswe kwa sepateleng se segolwane sa Deborah Retief Memorial ka dikgobalo tse di masisi.

Superintendent Sitale o gakolotse bakgweetsi go nna podi matseba dinako tsotlhe fa ba kgabaganya seporo go tila dikotsi tse di ka bakiwang ke terena.

A re go akanya gore o ka kgabaganya pele ga terena o sa itse lobelo lwa yone go borai fela thata mme a kopa setshaba go nna pelotelele ka nako ya terena e feta.

O ne a tlatsa gape ka gore ka Matlhatso ba ne ba kopane le dikereke go rapelela tshololo ya madi mo kgaolong ya Kgatleng mme a supa fa dipalo tsa batho ba ba bolaanang kana ba ipolaya fa bangwe bone ba nyelediwa ke dikotsi tsa tsela di ba tshwentse fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 08 Feb 2017