Breaking News

Sexanana se baka matshosetsi kwa Letlhakeng

08 Feb 2017

Morago ga dipego tsa go tlhorontshiwa ke setlhare sa sexanana kwa kgaolong ya Kgalagadi, banni ba Letlhakeng kwa kgaolong ya Kweneng ga ba bone boroko ka setlhare seo jaanong se bonala se ntsifetse mo motseng wa bone.

Se se bakang letshogo mo banning ke gore go bolelwa fa setlhare se, se sa siamela botsogo jwa batho.

E re lefa go ntse jalo, bangwe ba ba sa itseng bodiphatsa jwa sone ba se nna moriti mo malwapeng a bone.

Mogolwane mo lephateng la dikgwa le matlotlo a tlholego kwa Letlhakeng Rre Olebile Kolojane o netefaditse fa setlhare sa sexanana se le teng kwa motseng wa Letlhakeng.

A re setlhare se, jaaka go bolelwa ga se a siamela botsogo jwa batho ka go supagetse fa se koafatsa matlho ka nako e se ntshang dithunya.

A re setlhare se se anama motlhofo ka se jewa ke dipudi le ditonki mme se se raya gore se se ka tswa se aname mo sekgweng se se dikaganyeditseng motse ka diruiwa tseo di tsamaya gongwe le gongwe.

O tsweletse ka go supa fa le dipula tse dintsi di ka rotloetsa go ntsifala ga setlhare se.

Rre Kolojane a re go anama ga setlhare se go ka tsisa mathata mo kgaolong ka sena le borai jwa go kodumetsa metsi kafa tlase ga lefatshe fa se medileng teng mme se bake gore didiba tse di mo tikolong di kgale.

A re go kgala mo ga metsi go ka felela gape go dira gore dimela dingwe tse di jewang ke leruo di nyelele.

Le fa go ntse jalo Rre Kolojane o tlhalositse fa sexanana seka nowa moro ka jaana maungo a sone a jewa ke diruiwa le batho BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dipako Mothibi

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 08 Feb 2017