Breaking News

Nyeletso lehuma e thama ditiro

08 Feb 2017

Nyeletso lehuma ke lengwe la mananeo a a tsweletseng ka go tlodisa bangwe Batswana melatswana.

Seo se boletswe ke Mme Tebogo Mokgekgele wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa Mochudi, o tlhalositse fa a sale a akola lenaneo la nyeletso lehuma ka 2013 fa a ne a thusiwa ka didirisiwa tse di feletseng tsa go tsamaisa kgwebo ya go kgabisa moriri.

E rile a bua le BOPA, Mme Mokgekgele a tlhalosa fa a ne a isiwa sekoleng go ya go  ithuta ka tsa go tsamaisa kgwebo morago a isiwa go ya go ithuta mo go tseneletseng ka tsa moriri mme a ithutuntsha ka kgwebo ya gagwe go fitlha ka jaana.

O boletse fa a dira le banana ba le bararo, a re e sale a simolola kgwebo o ntse a thapa banana go bereka le ene a re seo se mo tswetse maduo ka a le thata ka bone. O tsweletse ka gore ba amogana maele le go rutana ka dikitso tse di sha tse di tsamaisanang le kgwebo ya moriri.

“Re bereka re le bane ke ipaletse mo teng, a le mongwe o dira dinala le tsa sefatlhego ka jalo fa motho a tla go loga o ka kgona gape go intlafatsa dinala le sefatlhego gone fa. Gape re setse re na le batho ba re itseng fa ba dira mo go rona ka dinako tsotlhe. Re a bapatsanya, re a rutana, re a thusana ke le mogolwane wa bone ke netefatsa fa go rena kagiso gore re ntshe maduo,” Mokgekgele a tshwaela.

Mme Mokgekgele a re ntswa ba dikaganyeditswe ke dikgwebo tsa meriri di le palonyana ba itsetsepetse, a re ba bereka ka thata gore ba seka ba felela ba tswetse a tlatsa ka gore ba dira ka natla go itumedisa batho ba ba logang kwa go bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 08 Feb 2017