Ba ngongoregela lethoko la ditlamelo
08 Feb 2017
E re le ntswa puso e dira maiteko a mantsi a go tlhabolola thuto, ka go abela lephata la thuto sephatlo sa madi a mantsi ka nako ya kgaoganno ya madi a setshaba, le go tswa ka methale e e farologaneng ya go tokafatsa thuto mo dikoleng, batsadi ba bana ba sekole se sebotlana sa Boyei mo Maun ba ngongoregile ka letlhoko la ditlamelo mo sekoleng le tlhaelo ya dijo tse di apeelwang baithuti.
Ba buile se bosheng mo phuthegong ya mokgatlho wa batsadi le barutabana ya setlha sa ntlha sa ngwaga.
Batsadi ba tlhalositse fa ba tshwentswe ke letlhoko la didirisiwa le dibuka tse di kwalelang, mo ba tlamegang go rekela bana dibuka, le tsone tse di balwang tota, mme ba tlhalositse fa seemo se se ba imela ka fa ngwaga o simolola ba tlamega go rekela bana paka ya sekole le go duela madi a ditlhabololo tsa sekole.
Bangwe batsadi ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka letlhoko la dijo tse di apeelwang baithuti mo sekoleng tse di felang pele ga nako, mme se se dire gore baithuti ba latlhegelwe ke go reetsa le go ithuta sentle ka ba a bo ba tshwerwe ke tlala, mme se se ise maduo a sekole ko tlase, le go diga boleng jwa thuto ya Botswana.
Batsadi ba ne ba kopa botsamaisi jwa sekole go phepafatsa sekole ka dinako tsotlhe ka se abetswe setlhopha sa lenaneo la Ipelegeng go leka go tlhagola bojang ka digagabi di iphitlha mo go jone mme se se beye matshelo a baithuti mo diphatseng.
Ba ne gape ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go koleka madi a dipula tse tlhano kgwedi le kgwedi go thapa mophepafatsi wa matlo a boitiketso go itsa bana go tsenwa ke malwetse le go rekela sekole dipampiri tse di kwalelang.
Fa a akgela mo dikakgelong mogokgo wa sekole seo Mme Kelebonye Moetse a re goromente o leka ka thata go isa ditlamelo ko Batswaneng, mme letlhoko la madi ke lone sekganedi a re batsadi ba tshwanetse go
ikitaya ka thupana go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.
A re ba tshwanetse go nna le moya wa boipelego ka goromente go na le fa a tlhaelang teng.
Mme Moetse o ne a tswelela a tlhalosa fa setlhopha sa Ipelegeng se se abetsweng sekole se le boitseme mo tirong ya sone, ka se tsaya sebaka se se leele go wetsa tiro, mme se se dira gore maiteko a go phepafatsa sekole a boela morago.
O ne a kgothatsa batsadi go tlhokomela bana ba bone le go ntsha masome a mane le botlhano a dipula a ditlhabololo tsa sekole, ka bontsi jwa batsadi ba le lolea mo go dueleng madi a dithabololo tsa sekole, mme se se kgoreletsa dithabololo tsa sekolo go tswelela sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omaatla Makgetho
Location : MAUN
Event : Phuthego ya mokgatlho
Date : 08 Feb 2017






