Mapodisi a tshegeditse mmelaelwa
11 Jun 2013
Mapodisi a Letlhakane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi (72) wa kgotla ya Kutlwano kwa Mokubilo go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso la monna yo o dingwaga tse di masome a mane le bongwe (41).
Mogolwane wa mapodisi Letlhakane Supt Loeto Ramabokwa o boletse gore mmelaelwa o tlhabile moswi ka sengwe se se bogale morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano ko maitisong a dino.
Supt Ramabokwa a re tiragalo e e diragetse ka matlhatso bosigo a bo are setopo sa moswi se ko setsidifatsing sa sepatela sa Letlhakane se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka.
O bile a re ba tshwengwa ke seemo se sa dipolaano mo kgaolong ya Letlhakane, a tlhalosa fa ele tiragalo ya botlhano ya polao e diragala mono ngwaga.
Supt Ramabokwaa re o kopa batho go buisa le go itshwara fa ba tlhokile kutlwisisano a re ntwa kgolo ke ya molomo ,ba ikgaphe mo dintweng ka dika baka loso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 11 Jun 2013






