Breaking News

Bokaa o lela ka lenyora

07 Feb 2017

Banni ba Bokaa mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba ba lela ka letlhoko la metsi kwa motsing oo.

E rile banni ba ikuela mo mopalamenteng wa bone mo phuthegong ya kgotla ka Labone ba supa fa kgwedi e kgona go wela ba sena metsi bogolo jang kwa ditsheng tse di beilweng bosheng.

Kgosi Sue Mosinyi o supile fa morafe wa gagwe o lebaganwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la metsi.

A re metsi ke selo se se botlhokwa fela thata mme kgwedi e kgona go wela go sena nko e tswang lemina, go supa fa go na le mathata a a tlhokang le tharabololo ka bonako.

Kgosi Mosinyi a re o lemogile fa tlhaelo e ya metsi e dirwa ke gore motse oo o godile mo e bileng jaanong dibeelo tsa metsi tse di sa bolong go dirwa bogologolo di sa tlhole di lekana go nosa banni ba motse wa gagwe.

A re ka jalo go maleba gore lephata la metsi le tle ka ditsela tse di maleba go thusa go hema seemo sa tlhaelo ya metsi mo motseng wa gagwe.

O ne a tlatsa ka gore ditanka tse neng di dirisiwa di fetilwe ke tiro mme ka jalo di imelwa ke go ka siela morafe wa gagwe metsi.

Kgosi Mosinyi a re ba ne ba ikopanya le ba lephata la metsi go botsa gore matsapa di a tsaya kae mme karabo ya nna gore lephata leo le tsere tshwetso ya go aga tanka e tona e e ka kgonang go ba siela metsi.

E re fa dikgang di eme jalo, Kgosi Mosinyi o supile fa go sena se se ngomolang pelo jaaka go nna le letamo mo motseng wa gago mme wena o bo o  nna le letlhoko la metsi.

A re ka tshwanelo e ka bo e le bone ba akolang metsi ao go na le metse e mengwe mme jaanong ke bone ba le mo mathateng a letlhoko la metsi.

Kgosi Mosinyi o ne a supa fa go ka nna ga tsaya lebaka gore lephata la metsi le ba tswe thuso ka jaana ba tlhalositse fa ba sa ntse ba kopile madi a go aga tanka eo mme nako eo ba tlaa bo ba sokola ka metsi.

Mme Cecilia Matlapeng a re ga ba jesiwe diwelang ke letlhoko la metsi ka jaana a le botlhokwa fela thata bogolo jang ko kokelwaneng.

A re e re ntswa gotwe ba thusa ka go ba gela metsi ka tanka ya jojo seemo se se tshwanetse sa potlakelwa ka bonako bogolo jang go thusa balwetse le ba bangwe.   

Modise Tshetlhoyagae a re ene o kopa gore baeteledipele ba lephata la metsi ba bidiwe gore ba tle go tlhalosa gore mathata ke eng le gone gore ba tlaa thusa jang go ya pele.

Mopalamente Rre Isaac Davids yo o neng a tsile go lekodisa morafe wa Bokaa ka dikgang tsa palamente e e fetileng, o ne a solofetsa banni ba motse oo gore o tlaa kopana le tona wa metsi go bona gore ba ka ba thusa jang.

A re metsi ke tshwanelo ya motho mme fa a seyo go nna le mathata a a seng kana ka sepe ka gore metsi ke botshelo.

Rre Davids a re boammaaruri ke gore motse wa Bokaa o godile mme go tshwanetse ga sekasekwa gore metsi a atolosiwa jang mo motseng gore a goroge le ko ditsheng tse disha tota.

Mo go tse dingwe Kgosi Sue Mosinyi o ne a kopa mopalamente gore a ba boletse gore lephata la ditsha le tsile go baya leng ka ba sale ba sega ditsha mo Bokaa di feta dikete tse pedi mme nako kgolo ke eno.

A re o dumalane gore seo se tlaa thusa go fokotsa mosuke wa peo ya ditsha bogolo jang ka a kile a bona matshwititshwiti a Batswana ba ile go kopa peo ditsha kwa lephateng la ditsha la Oodi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : BOKAA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Feb 2017