Manyena a dikgomo mmammane
07 Feb 2017
Barui ba kgaolo ya Robelela ba gakolotswe go rwesa dikgomo tsa bone manyena go ba baya mo maemong a mantle a go ka letlelelwa go rekisa nama ya dikgomo tsa bone kwa mmarakeng wa Europa.
Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa lephateng la bakenti mo kgaolong ya Selebi Phikwe, Dr Jaone Sebina, fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Robelela bosheng.
Dr Sebina a re melao ya mmaraka wa Europa e supa fa ba tlaa reka nama ya dikgomo tse go nang le motlhala wa gore ke tsa ko kae fela.
A re manyena a dikgomo ke nngwe ya tsela ya go supa motlhala gore dikgomo kgotsa nama ya tsone e tswa kae.
O ne a tlhalosa gore manyena a dikgomo a na le dinomore tse di supang gore kgomo e tswa mo kgaolong efe gape ke ya ga mang.
A re ka ngwaga wa 2016 ba ne ba isa kopo kwa International Animal Health Organisation go kopa gore kgaolo ya Zone 7 e bulelwe gore barui ba kgone go rekisa dikgomo kwa mmarakeng wa mafatshe morago ga go lwantsha le go emisa bolwetse jwa tlhako le molomo.
O ne a supa gore fa kopo e ka atlega botshelo jwa kgaolo ya Zone 7 bo tlaa tokafala ka go tlaa rekwa dikgomo ka tlhwatlhwa e e nametsang mme a kopa barui go rwesa dikgomo tsa bone manyena ka kgomo nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le sesupo sa gore ke ya ga mang gape e tswa mo kgaolong efe.
O ne a tlhalosa gore ba abetse barui ba le 182 manyena a le 3380 mme dikgomo di le 1984 di rwesitswe manyena mme seo se a thobaetsa ka go supa fa manyena a le 1396 a sa rwesiwa dikgomo mo go ka busetsang maiteko a go bulela Zone 7 ko morago.
Dr Sebina o ne a akgola barui ba Robelela ka ba rwesitse dikgomo tsa bone ka palo e e botoka go na le mafelo a mangwe a a mo kgaolong ka selekanyo sa masome a matlhano le bongwe mo lekgolong mme a ba kopa go fefosa go rwesa tse di setseng.
O ne a kopa barui go kopa manyena nako e sa ntse e le teng ka ba emisa go aba manyena kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gangwe mme e bile kgwedi ya Tlhakole fa e tlhola gangwe ba tlaa emisa go ntsha diteseletso tsa motsamao wa leruo mo dikgomong tse di senang manyena.
Dr Sebina o ne a tswelela a re, e le lephata ba lekile ka bojotlhe jo ba ka bo kgonang go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo ka go nnile le tlhagogo ya bolwetse joo mo motseng wa Robelela ka ngwaga wa 2011.
Mogolwane kwa BMC, Rre Goitsemodimo Dintsi, a re mmaraka wa Aferika Borwa le Angola o setse o beeleditse nama ya Botswana mo go supang kgolo mo mmarakeng.
O ne a supa gore kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe e le ba BMC ba tlaa simolola go amogela dikgomo kwa kwarantining mme a ba kopa go di isa ka bontsi ka phulo e le ntsi e bile dikgomo di tlaa nna le nama mme a ba solofetsa go ba duela mo malatsing a a14-21.
Barui ba ne ba supa tshwenyego ya manyena a a sa gorogeng ka nako le go tlhoka sedirisiwa sa go rwesa dikgomo manyena mme ba kopa go thusiwa go fefosa tiro eo le go fitlhelwa ke ba mmaraka wa mafatshe ba le malala a laotswe.
Ba ne ba kopa gore terata ya molelwane e tlhokomelwe ka go se nneng jalo seo se folodisa ditoro tsa bone tsa go nna se go tweng ke green zone mme ba kopa puso go oketsa itshireletso le bodiredi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : ROBELELA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Feb 2017






