Breaking News

Leruo le le sailang le tlaa gapiwa

11 Jun 2013

Leruo le le sailing mo motseng kwa Palapye le tla gapiwa ka fa molaong.

Fa a buisa banni ba kgotla ya Thomadithotse mo Palapye bosheng, Mme Boitlhamako Motlhokakgotla wa lephata la badiragatsi ba melawana ya khansele, o tlhalositse fa molao wa taolo ya leruo wa 2006 o tlhalosa fa dikgomo tse di sasankegang mo motseng di tshwanelwa ke go gapiwa.

A re kgomo fa e gapilwe e tlhatlhelwa malatsi a le supa morago ga one e be e isiwa kwa matimeleng, mme morago ga dikgwedi tse thataro e rekesiwe fa mong wa yone a sa tle go e golola.

A re kgomo e duelwa dipula tse di lesome tsatsi le letsatsi, fa e gapilwe mme tse dingwe jaaka dikoko ele dipula tse pedi.

Mme Motlhokakgotla a re dintsa di bewe mo malwapeng a re ntsa ga ya tshwanela go bonwa e sasankega mo motseng.

A re ntsa ya go nna jalo e kgona go gapiwa ke khansele mme fa go sena ope yo o tlang go supa fa ele ya gagwe e a bolawa morago ga malatsi a supa.

O ne a tlhalosetsa morafe fa ntsa e tshwanetse go direlwa teseletso fa ele dikgwedi tse thataro.

Fa a itebaganya le modumo Mme Motlhokakgotla o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa abe teseletso ya mediro e tshwana  manyalo le mekete.

A re e le baagisanye ba tshwanetse go dirisanya sentle e re ka nako ya lesome le bobedi phakela modumo o bo o fokotsegile fela thata kana o eme gotlhelele.

Rre Fredrick Sefikedi go tswa ko lephateng la dipasa tsa mesepele o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke palo tse di ko tlase tsa batho ba ba ikopelang dipasa tsa mosepele.

O ne a tlhalosa fa go dira pasa go tlhokana le setlankana sa matsalo fa dingwaga tsa ngwana di le kwa tlase ga lesome le borataro, setlankana sa lenyalo fa mme a nyetswe kana setlankana sa boagedi.

O gakolotse morafe go emisa go thapa batswaka ba ba senang diteseletso ka go dira jalo e le molato

A re mohiri wa go nna jalo le mohiriwa ba ka lebisiwa molato mme ba lefisiwe madi a kana ka P4000 kana dingwaga tse nne mo kgolegelong.

O rotloeditse morafe go itsese ka ditiragalo tsa go nna jalo ka go romela molaetsa mo nomorong ya mogala ya 71834701.

Banni ba ile ba lebogela go tsibosiwa ka melao e. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boitshepo Kedikilwe

Location : Palapye

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Jun 2013