Banana ba rotloediwa go inaakanya le mananeo
11 Jun 2013
Mokhanselara wa kgaolo ya Morupule kwa Palapye Rre Jordan Makhura o rotloetsa banana go inaakanya le mananeo a banana go itlhamela mebereko.
Fa a buisa banni ba kgotla ya Thomadithotse bosheng, Rre Makhura a re o tshwenyegile thata ka banana ba bantsi ba ba mo Ipelegeng.
A re seemo se se mo tshwenya fela thata ka gona le mananeo a neelwang banana go tokafatsa matshelo a bone, a kopa banana go mo tlhalosetsa dikgwetlho tsa bone tse di ba itsang ka tsaya mananeo a banana.
Mokhanselera o ne a tswelela ka go bua ka lenaneo la batlhoki a re o ntshitse tshutiso kwa khanseleng gore lenaneo le le sekasekwe bogolo jang phitlho ya motlhoki.
O ne a tlhalosa fa lenaneo le le supa fa motlhoki a tshwanetse go fitlhwa morago ga malatsi a mararo.
A re batlhoki ba tshwana le mongwe le mongwe ka jalo le bone ba tshwanelwa ke go fiwa seriti.
Mo go tse dingwe Rre Makhura o tlhalositse fa leobo la kgotla eo le bone dithuso tsa madi a kanang ka P80 000 go le feleletsa.
E ntse e le mo go tsa ditlhabololo, o ne a tlhalosa fa a kopile ditena go baakanya ditsela.
A re ditena tseo di kopilwe kwa khanseleng, le moepo wa morupule, a tlhalosa fa tse dingwe ele tse di tla beng di tswa kwa maemelong a dibese a magologolo ka a masha a tlabe a weditswe morago ga dikgwedi tse di lesome le borobabobedi.
Mokhanselara o ne a tlhalosa gore ga se gore ga a bone gore ditsela tsa bone di saletse kwa morago mo eleng gore fa dipula di na ga go tsamaege.
A re kwelotlase ya itsholelo ke yone e dirang gore khansele e nne maoto a tshupa go baakanya ditsela.
Banni ba ne ba tlhalosa fa ipeleng e dira sentle mo kgaolong ya bone, ebile ba itumelela koketso ya madi a yone le go neela babereki dijo ka go ba thusa gore ba bereke sentle bas a kgorelediwe ke tlala.
Fa a tswa la gagwe Rre Goabaone Seforo go tswa kwa lephatleng la ditogamaano tsa khansele o tlhalositse fa lephata la gagwe le kanoka mafelo morago ba lephata la ditsha ba abele batho ditsha.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore dikgwebo tse di akaretsang go dira ditena le go nosetsa ditshipi di sa tshwanela go direlwa mo malapeng, a tlhalosa fa ele molato go dira dikgwebo tsa go nna jalo mo malapeng.
Seforo o tlhalositse gore lefatshe le kgaoganngwa ka gore fa go nna masimo, madirelo le bonno.
A re se se direlwa gore e seka ya re motho a re o robetse mo lapeng, a bo a tlhodiiwa ke ditshipi tsa ba dikgwebo go bapa le ene.
O ne a tswelela a tlhalosa fa ope a sa letlelelwe go aga setsha a sa fiwa tetla ya go dira jalo.
A re moalo wa dikago tse motho a batlang go di aga o tshwanetse go sekasekwa pele morago ke gone a ka tswelelang le kago.
O ne a tlhalosa fa ditlamorago tsa go aga motho a sa letlelelwa di le botlhoko ka a tlabe a agetse mo moshaweng ka jalo ntlo ya teng e tshwanelwa ke go thubiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Kedikilwe
Location : Palapye
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 11 Jun 2013






