Breaking News

Koporase ya motlakase e otlolola letsogo

06 Feb 2017

Mookamedi wa koporase ya motlakase Rre Gordon Molefe a re maikaelelo a koporase ya bone ke go thusa Batswana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le mekgatlho ka go farologana jaaka wa  Window of Hope.  

Mookamedi yoo o buile jalo fa a ne a abela  mokgatlho wa Window of Hope ditlhako di le masome a supa le boraro le dikausu a re ba simolotse go thusa mokgatlho oo ka ngwaga wa 2015. Rre Molefe a re ba thusa mokgatlho oo ka gore o itebagantse le bana ba dikhutsana le bana ba ba sasankegang mo toropong ya Ghanzi.

A re mokgatlho oo o botlhokwa thata mo matshelong a Batswana e bile o dira tiro e ntle.

Rre Molefe a re ka ngwaga wa 2015 ba ne ba thusa ka dimpho tsa madi a a  fetang P55 000 ba reka di TV, DSTV,DVD gore bana ba ba tlholang koo ba kgone go itlosa bodutu ka go lebelela ditshwantsho. Mookamedi yoo a re koporase eo e dira jaana e dirisa nngwe ya dimapo tsa yone ya go tsaya boikarabelo jwa go thusa bao ba ba tlhokang.

A re ba mo tseleng e e siameng ka go thusa mokgatlho oo. A re thuto ke selo sa botlhokwa thata ka ke yone fela e banana  ba ka itshetsang ka yone.

A re koporase ya BPC e tsaya thuto e le selo sa botlhokwa ke gone ka moo koporase ya bone e nang le seabe mo thutong.

Rre Molefe a re o solofela fa dimpho tseo di tlaa thusa thata mokgatlho wa Window of Hope mme e bile di tlaa tlhabolola matshelo a bana bao.

A re o lebogela mokgatlho oo ka fa o thusang ka teng bana bao.

A re mokgatlho o tsile go tlhabolola matshelo a bana bao thata ka jalo o kopa gore a tswelele ka mowa oo ebile ba koporase ya motlakase ba ipelagatsa ka bone.

Erile a amogela dimpho tseo mogokaganyi wa mokgatlho oo Mme Kennetseng Kahuadi a tlhalosa fa mpho eo e le botlhokwa mo matshelong a bana ba sekole.

A re bontsi jwa bana ba ya sekoleng ba sena ditlhako ka jalo o a e lebogela.

A re koporase ya BPC e botlhokwa mo matshelong a mokgatlho wa bone ka e ne ya ba thusa gape ka ngwaga wa 2015 gompieno e ba thusitse gape.

A re koporase eo e itebagantse le go tlhabolola matshelo a bananyana ba ba tlhokang e bile ba aba dimpho tseo ngwaga o simolola go bona gore ba itebagantse le thuto.

Mme Kahuadi o kopile koporase eo go tswelela fela jalo. A re puso e beile thuto kwa pele e bile e dirisa madi a mantsi ka jalo Batswana ba tshwanetse go emela thuto ka dinao.  

Erile Mothusa Molaodi Rre Huparelang Lesetedi a leboga  a supa fa koporase ya BPC e na le seabe se se tona mo matshelong a bana ba dikhutsana a re mpho eo e tsile ka nako e e siameng ka dikole e le gone di bulwang.

Mothusa molaodi a re ga go a siamela ngwana go ya sekoleng a sena ditlhako le yone  paka ya sekole ka gore ngwana ga a kgone go ithuta sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Kabo dimpho

Date : 06 Feb 2017