Nyalo e e seng ya tlhakanelo dithoto e mosola
06 Feb 2017
E re ka lenyalo le le mehuta, le akaretsa lenyalo la Setswana le la sekgoa, ya tlhakanelo dithoto le e e seng ya tlhakanelo dithoto, batho ka go farologana ba leba mefuta e ya lenyalo ka ditsela tse di farologaneng.
Mo mefuteng e ya lenyalo, bangwe ba leba nyalo e e seng ya tlhakanelo dithoto e se lenyalo le le kitlaneng,le sena boleng e bile le supa fa go sena tshepho le lorato mo gare ga banyalani. Bangwe ba bona lenyalo le le siame fela thata e bile le tshwana le mehuta e mengwe ya manyalo.
Mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana Kgosi Bringle Dithapo o kaile fa lenyalo le e seng la tlhakanelo dithoto le na le boleng fela jaaka lenyalo la Setswana le la tlhakanelo dithoto.
O ne a tswelelela a tlhalosa gore se se diragalang mo nyalong e e seng ya tlhakanelo ke gore go nna le kgaogano ya dithoto mo gareng ga banyalani boo babedi go na le mabaka a a ba tlamang go dira jalo.
“Go le gantsi dithoto tse, e a bo e le tsa boleng jo bo kwa godimo, e seng dilo tse di tshwanang le didirisiwa tsa mo mantlong jaaka dikopi le dintshwana jaaka mongwe a ka akanya” ga bua Kgosi Dithapo.
Kgosi Dithapo o ne a tswelela a kaya gore se se botlhokwa ke gore banyalani boo babedi ba tshwanetse go tlhaloganya mabaka a a dirang gore ba tsene mo lenyalong la mohuta o, mme fa ba tlhaloganya go ka seke go nne le bothata bope.
A re lenyalo le, le mosola mo dipakeng tsa segompieno ka go bo matshelo a batho bangwe a ikaegile ka madi le dikgwebo go sa tshwane le bogologolo.
Kgosi Dithapo a re lenyalo le, le na le mosola thata mo banyalaning ba ba nang le dikgwebo ka go bo e ka re motlhang dikgwebo di phutlhamang kana go na le mathata a madi mo lwapeng, fa gongwe dibanka kana makalana ape fela a a adimang madi a ka iketleetsa go gapa dilwana a tseye bontlha bongwe jwa dithoto tsa banyalani mme go sale bontlha bongwe jo ba tlaa salang ba itshetsa ka jone le bana ba bone.
“Fa go gapiwa dithoto tse mo nyalong ya mohuta o, go tlaa tswa fela mo go reng dikoloto tseo di ne di kwadilwe mo maineng a ga mang mo bobeding boo, fa e le ya tlhakanelo dithoto sepe fela sa monna le mosadi se kgona go gapiwa a bo lelwapa le sala le iphotlhere mme ba tshelele mo lehumeng”, ga bua Kgosi Dithapo.
A re lenyalo le, le supa fa banyalani ba ipaakanyetsa dipe diemo tse di tlaa tlhagogang mo isagong tse di ka gomagometsang go latlhegelwa ke dithoto mo go ka bayang malwapa a bone ka fa mosing.
O ne a tswelela a tlhalosa fa gongwe mabaka a a dirang gore batho bangwe ba lebe lenyalo e se lenyalo le le siameng e le go tlhoka kitso e e tseneletseng ka se se diragalang mo lenyalong le, go itse mabaka a a dirang gore batho ba tsene mo lenyalong le.
Kgosi Dithapo a re dingwao dingwe le ditumelo tsa batho le tsone di na le seabe ka fa ba lebang lenyalo le ka teng, jaaka mo Setswaneng go tswa goo lowe go ne go itsewe fela fa dithoto e le tsa banyalani boo babedi mme seo se dire gore go nne thata gore batho ba tlhaloganye ba bo ba amogele lenyalo le.
Kgosi Dithapo o gakolotse banyalani boo babedi go dira tlhaloso e e tseneletseng le go itsise masika mabaka le bomosola jwa go bo ba tsene mo lenyalong la mofuta o, gore ba tlhaloganye go itsa dipuo tse di botlha le dikgogakgogano mo gare ga boora mosimane le boora mosetsana fa gongwe mongwe wa bone a sa tlhole a le mo botshelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 06 Feb 2017






