Go boeletsa ngwana mophato go mosola
06 Feb 2017
Go boeletsa ngwana wa thuto e potlana mophato fa a sa dira sentle go supilwe go na le mosola fela thata ka go ka fa ngwana sebaka se sengwe gape sa go baakanya fa a paletsweng teng.
Se se builwe ke morutabana wa sekole se sebotlana sa Kgamane Memorial School Mme Bothonne Makhokhoba mo bokopanong jwa lekgotla la batsadi le barutabana kwa Shoshong bosheng.
Mma Makhokhoba o tlhalositse gape gore e le barutabana ba ka boeletsa ngwana mophato ka ba a bo ba bona gore o paletswe mo mophatong oo mme go mmoeletsa go ka mo tswela mosola mo thutong ya gagwe go ya ko pele.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa thuto ya dikole tse dipotlana e le yone medi ya thuto mme fa bana ba sa dire sentle mo mophatong ba tshwanetse go o boelela.
Ntswa le seo, o ne a tlhalosa gore e le ba sekole sa Kgamane Memorial ba na le mathata a gore batsadi bangwe ba kgona go gana bana ba bone ba boelela mophato mme ba sa ntshe mabaka ape e bile ba sa tle pele ko sekoleng go tla go utlwa gore mabaka a gore bana ba bone ba boelele mophato ke afe mo barutabaneng.
O sedimositse gape gore batsadi bangwe ba gana ka mabaka a gore ba re bana ba bone ba tlaa tshegwa ke balekane ba bone gore ba boeletse mophato.
“Ke go tlhoka maikarabelo mo go lona le le batsadi mo thutong ya bana ba lona gore le tshwenyege gore bana ba tlaa jewa ditshego eseng le tshwenyega ka thuto ya bone pele,” ga bua Mme Makhokhoba.
O ne gape a rotloetsa batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone ka se se na le serodumo mo thutong ka ba ka se kgone ba le nosi e le barutabana.
O ne a tswelela ka gore batsadi ba tseye nako go leba dibuka tsa bana, go ba thusa go dira ditiro tsa thuto ya ko lapeng (homework) le go ba thusa go bala le go ithuta ka malatsi a bo itapoloso.
O tlhalositse fa se se ka thusa fela thata ka go na le bana ba ba ithutang sentle ba phuthologile ba le ko malapeng le batsadi go na le fa ba le mo dikoleng le barutabana.
Fa a mo kgwa kgaba, motsadi Mme Pauline Bagaisamang o ne a tlaleletsa mo go se Mme Makhokhoba a se buileng ebile a rotloetsa batsadi go thusa bana tiro ya sekole le ko malapeng.
Mme Bagaisamang o ne a supa fa le ene ngwana wa gagwe a ne a sa dira sentle mo lekwalong la boraro mme a dumela a boelela gape a dira le ene tiro ya sekole mme seo sa tsisa maduo ka ngwana wa gagwe a ne a fetela ko lekwalong le le latelang ka maduo aa tokafetseng fela thata.
Ntse e le kwa phuthegong eo, barutabana ba ne ba supa fa ba tlhamile lekgotla la dikole tse dipotlana tse di mo motseng ebong Mokibe Memorial, Shoshong Primary le Kgamane Memorial (MOSHOKGA cluster).
Ba tlholositse fa maikaelelo a lekgotlana le la MOSHOKGA e le go tsosa le go godisa serodumo sa thuto mo motseng go tswa ko moding.
Ba ne ba supa gape gore ba ikaelela go tshegetsa kabo dietsele go atswa bana ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone ka se se ka kgothatsa bana ba bangwe gore le bone ditlhatlhobo tse di latelang ba itsolopanye ba tle ba atswiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Samuel Morewabone
Location : SHOSHONG
Event : Bokopano jwa lekgotla la batsadi le barutabana
Date : 06 Feb 2017






