Breaking News

Kgolegelo e fa Setabosigo lesedi

06 Feb 2017

Bontsi bo tshaba kgolegelo lebaibai ka ba akanya gore ke lefelo la  ba ba tlhobogilweng kana ba se tiro dintle, seo ga se sone fela ka kgolegelo.

Lefelo le, le fa bangwe sebaka sa bobedi mo botshelong ka ba rutwa tiro ya diatla jaaka go betla, go shafatsa ditilo le tse dingwe. Mongwe yo o ka buang kgolegelo bontle ke Rre Bathalefi Setabosigo.

Mong wa kgwebo e potlana   ya Banamodi  Upholstery o ithutetse tiro ya go shafatsa ditilo tsa dikoloi le go betla disofa ka nako ya a le kwa kgolegelong, kwa a nnileng lobaka lwa ngwaga tse tlhano.  

Mo potsolotsong bosheng, Rre Setabosigo yo o ileng kgolegelong a ne a sena kitso ya go betla gotlhelele, o ne a kgatlhegela tiro e ya diatla thata, a bona fa motho a ka e dira go itshetsa. 

A re tiro e ya go shafatsa ditilo ke tiro e e leng gore, go le gantsi ga e a tlwaelesega mo Botswana. Rre Setabosigo a re kgwebo e ya gagwe e simolotse ngogola ka Seetebosigo mme o setse a thapile banana ba le babedi. 

A re o thusitswe ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao go bona gore toro ya gagwe e a tshela.

Rre Setabosigo a re kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata ka ba kile ba shafatsa ditilo tsa mabenkele a matona jaaka la Lewis, a tlhalosa gore  ntswa kgwebo e na le dikgwetlho bone ba dira ka thata go tila dikgwetlho tse ba kopanang natso.

Rre Setabosigo a re o kopana le dikgwetlho di tshwana go tlhoka lefelo le le siameng  ka a  direla mo lwapeng segolo bogolo e se lefelo le le ka direlang kgwebo, a re gape lefelo le le iphitlhile ka bareki ba sa kgone go ba lemoga.

Rre Setabosigo a re kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone ke ya babereki ba ba rutetsweng tiro, a kaya fa kgwebo e tlhoka babereki ba ba nang le lesedi ka tiro e ba e dirang, a re fa babereki ba sena lesedi e nna o kare kgwebo ga e dire sentle.

A re gape bareki ba tsisa ditilo tsa bone go tswa foo ga ba tle go di tsaya mme se se dire gore lefelo la gagwe le tlale a bo a patelesega go berekela kwa ntle.

O rotloeditse banana jaaka ene gore fa ba le mo kgwebong ba tshwanetse go itsalanya le batho ba ba mo kgwebong jaaka bone gore ba kgone go ba thusa go tila dikgwetlho tse ba kopanang natso mo dikgwebong tsa bone.

A re gape banana fa ba na le maikaelelo a go dira dikgwebo tse ba di batlang ba seka ba tshaba sepe mme ba supe ditalente tsa bone.

O ikuetse mo go ba lephata la banana go ba thusa go ba batlela lefelo le le siameng go ba thusa gore Batswana ba ba lemoge  a supa fa go na le mafelo mangwe a banana ba a filweng mme ba sa a dirise sepe. A re gape o kopa ba lephata la bone go ba thusa go ba batlela di thendara ka gore o direla mo lwapeng go ba thusa gore setshaba se ba itse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 06 Feb 2017