Breaking News

Ba batla Mc Carthys Rust a tlhomamisiwa

06 Feb 2017

Banni ba Mc Carthy's Rust  mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke go tlhoka go tlhomamisiwa semmuso ga motse wa bone.

Banni ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Frans Van Der Westhuizen bosheng.

Fa a amogela baeng, Kgosi Jonny Engleburg wa motse oo o ne a bolela fa go tlhoka go rurifadiwa ga motse wa bone  mo go tsereng lobaka lo lo leele go ba rontsha go akola mananeo a puso a a leng teng  ka ba kgona  go tokafatsa matshelo a bone ka one, tlhaelo ya metsi le go tlhoka go thusiwa ka nako ga balwetse kwa sepateleng sa Tsabong.

Kgosi Engleburg o ne a ngongorega gape le ka dikgosana tsa gagwe tse di saletseng kwa morago go bewa semmuso le gone go neelwa dikatso.

Mo tekodisong ya gagwe mopalamente yo e bileng gape e le mothusa tona ya dikgaolo le tlhabololo magae  Rre Van Der Westhuizen o ne a tlhalosetsa banni fa a tswa kgakala a  setse kgang ya go rurifatswa ga motse  wa bone morago a kaya fa jaanong mo nakong ya gompieno  e le mo legatong la bofelo kwa palamenteng gore o tlhomamisiwe semmuso.

O ne a solofetsa banni  fa e tlaa re mo loeteong lwa gagwe gape mo motseng wa bone a tle ka phetolo e e tlaa ba itumedisang,  a ba akgolela go nna le seabe mo go tlhomamiseng gore boipuso jwa masome a matlhano jo bo fetileng  bo ketekwa ka thelelo mo motseng oo.

Mongwe wa bagolo ba motse Rre Keleofile Tebelo o ne a bua a menne phatla ka tiego ya go tlhoka go tlhomamisiwa ga motse wa bone go ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go phuthologa  mo motseng oo ka go aga bonno jo bo botoka ka ba sa bewa ditsha tsa sennela ruri.

Fa a tswa la gagwe kgosana Fani Tumaeletse wa motse oo, o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Tebele a ba a kopa ba khansele go ba thusa ka lenaneo la go tsaya  matlakala ka dikotsekara  mo motseng e le tsela nngwe ya gore banni bangwe  ba tle ba kgone go oba lebogo ka ba thusiwa fela ke go bereka mo ipelegeng.

Kgosana Tumaeletse o ne gape a ngongorega ka tsela ya Tsabong / Mc Carthy's Rust e e setseng e se mo seemong se se itumedisang  ka e le dikhuti,  o ne a  bolela  fa e le  botlhokwa ka e tshwaraganya lefatshe la Afrika Borwa le Botswana.

Go le pele banni ba ne gape ba ngongorega ka bana ba sekole seo ba ba yang go dira lokwalo lwa bone kwa dikoleng tse dingwe kwa Tsabong  ba re batsadi ga ba kgone go duela madi a boroko a matlo a ba a hirisetswang le gone gore ga ba na tlhokomelo e e siameng fa ba le koo.

Fa a ba kgwa dikgaba motshwarelela mokwaledi mogolo mo khanseleng ya Kgalagadi Rre Joseph Segopa o ne a bolela fa mo ngwageng wa madi wa 2017/2018 le bone ba tlaa akola lenaneo la go tsaya matlakala jaaka metse e mengwe.

Rre Segopa o ne a kaya gore le fa ntswa motse oo o ise o tlhomamisiwe khansele e leka ka bojotlhe go tsisa ditlhabololo ka  mo nakong ya gompieno e setse e agile sekole se sebotlana sa matlo a  borutelo a mabedi mme e bile a setse a okediwa go nna mane.

Mo sepalamong sa bana go ba isa dikoleng kwa Tsabong o supile fa ba  khansele ba sa ntse ba le mo ditshekatshekong gore ba ka thusiwa ka tsela  e e ntseng  jang.

Mogokgo wa sekole seo Mme Kganetso Kavari o ne a tlhalosa fa sekole seo se amogetse  bana ba le  masome a mararo  ba ba  felelang  ka lokwalo lwa boraro.  

A re  bana ba tshwanelwa ke go ya go tsweledisa dithuto kwa dikoleng tse dingwe selo se a reng se ba kgoreletsa go tswelela sentle le gone go atlega mo dithutong tsa bone.

Mooki yo mogolwane mo kokelong ya Tsabong  Mme Selina Sethibang fa a tsibogela tsa botsogo o ne a bolela fa kokelo eo e tlhaelelwa ke dingaka ka di supa  ka palo mo boemong jwa go nna lesome le boraro selo se a reng se kgoreletsa setshaba go bona dithuso ka bonako.

Mme Sethibang o boletse fa mo nakong ya gompieno ba thusa banni ba motse oo fela ka koloi e e tsamayang gangwe mo kgweding mme nako e ntsi ba latela sepatela fa ba lwala  dikhilomithara di ka nna masome a mabedi le botlhano.

A re fa motse oo o ka tlhomamisiwa mo ditshekatshekong tsa lephata la botsogo gongwe motse oo o ka  agelwa kokelwana fa madi a le teng go fokotsa mosuke kwa sepateleng le gone go ba atameletsa ditirelo tsa botsogo gaufi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Mc CARTHY RUST

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Feb 2017