Makgato o supa matshwenyego
05 Feb 2017
Tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato a re ga a itumedisiwe ke beng ba dikonteraka bogolo jang ba Batswana ba ba sotlang Batswana jaaka bone.
A re ya re fa puso e sena go ba abela ditiro tsa go aga, ba thape Batswana ba bangwe mme kwa bofelong ba tlhoke go ba duela.
Tona Makgato yo o neng a bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng kwa Sefhare, a re selo se, se tumile thata bogolo jang mo ditirong tsa dikago.
Mme Makgato a re se se a tshwenya ka ba ba neng ba thapilwe ke mong wa konteraka ba felela ba supa puso ka monwana ntswa puso yone e duetse mong wa konteraka.
A re bangwe fa puso e sena go ba duela, ba lebelela dikeletso tsa bone pele jaaka go reka dikoloi tsa manobonobo ba sa kgathale gore ga ba a duela babereki.
O ne a supa fa se, se diragetse bosheng kwa kgaolong ya gagwe kwa Machaneng fa bangwe ba ba neng ba thapilwe ke puso ka lenaneo la ESP la go aga matlo ba ne ba seka ba duela babereki ba bone. A re o ne a tshwanelwa ke go tshereganya mme baberekeki ba felela ba bone dikatso.
O gakolotse beng ba dikonteraka go ikitaya ka thupana gore ba tsamaise ditiro tsa bone sentle ba duele babereki.
Mme Makgato a re puso fa e dira mananeo a a tshwanang le la ESP e ne e lebile gore Batswana ba ba sa direng ba kgone go tsenya letsogo gore ba bone lemmenyana le le ka ba tshetsang ka jalo ga go itumedise gore beng ba dikonteraka ba bo ba dira jaana. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Sefhare
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Feb 2017






