Ovambanderu ba akgola puso
02 Feb 2017
E rile ka Matlhatso morafe wa Ovambanderu kwa motseng wa Dikgatlhong mo kgaolong ya Kweneng wa ipelela go tlhomiwa semmuso ga kgosana ya tetlanyo kwa motseng wa bone ebong Kgosi Amon Tjonga.
Morafe o, o o tlholegang kwa lefatsheng la Namibia mme o tlwaelesegile thata ka go fitlhelwa kwa dikgaolong tsa Bokone Bophirima o ne wa tshologela kwa Dikgatlhong go supa le go tlotlomatsa ngwao ya bone.
E rile fa a supa Kgosi Tjonga, Kgosi Morulaganyi Makgasane wa Lentsweletau, o ne a tlhalosa fa ba ne ba tsaya tsia kgang ya gore motse oo o na le merafe e mebedi ebong wa Ovambanderu le wa Ovaherero.
A re ka jalo ba ne ba tsaya tshwetso ya go tlhoma kgosana ya moOvambanderu e le maiteko a go netefatsa gore banni ba tswelele ka mowa wa tshwaragano le kutlwano go sena yo o akanyang gore o a gatelelwa.
Motse oo o eteletswe pele ke Kgosi Moeng Moreti yo e leng wa morafe wa Ovaherero.
Kgosi Makgasane o kaile fa Kgosi Tjonga a tshwareletse mogololwe ebong Mme Modojane Violet setilo ka a sa ntse a tshwerwe ke tsa mmereko. O ne a lebogela morafe oo kutlwano le tirisano mmogo mo dipuisanong tsa go tlhoma Rre Tjonga kgosana.
E rile a tswa la gagwe kgosi ya motse wa Toromoja kwa kgaolong ya Boteti Kgosi Nguvauva II a supa fa a leboga lefatshe la Botswana le morafe wa Bakwena go amogela morafe wa Ovambanderu mo kgaolong ya bone jaaka fa o ne o tshaba go tswa kwa Namibia ka nako ya fa go ne go na le dintwa tsa semorafe.
Kgosi Nguvauva II o ne a supa fa go itumedisa gore Bakwena ba bo ba bona go tshwanela go akaretsa merafe e ka bobedi jwa yone mo bogosing jwa kgaolo mme a kopa merafe e go tswelela ba ineetse mo morafeng wa Bakwena ka a re ba ba tlotlomaditse.
E rile a itebaganya le Kgosi Tjonga a kaya fa kgosi e le kgosi ka batho e bile e le ene motlhanka wa morafe. A re merafe ka go farologana e e nnang mo motseng oo, e tlaa ikuela ko go ene fa ba na le bothata kgotsa ba tsisa dikgang tsa boitumelo kwa go ene, mme a mo gakolola go ba amogela ka lerato le tekatekano.
E rile a tswa la gagwe, mogolwane go tswa mo morafeng wa Ovambanderu o o neng o tshologetse tiro e, Rre Venaune Tjonga yo e bileng e le mogolowe Kgosi Tjonga o ne a supa fa a lebogela thuso e Batswana ba neng ba e fa morafe oo jaaka fa ba ne ba kopa boagedi.
O kopile monnawe go itshwara sentle mo tirong le mo boeteledingpele jo a bo neetsweng ke morafe. Kgosi Tjonga o ne a supa boitumelo jaaka a ne a lebogela le go kopa merafe ya motse oo go tswelela e mo eme nokeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : Molepolole
Event : Phuthego
Date : 02 Feb 2017






