Bodiredi ga bo tsene diphuthego
02 Feb 2017
Mopalamente wa Molepolole borwa Dr Tlamelo Mmatli a re go sa tseneng diphuthego tsa kgotla ke bodiredi ja maphata a puso go a tshwenya.
Dr Mmatli o buile seo fa a ne a tsibogela dingwe tsa dingongorego tsa batho mo phuthegong ya kgotla ko kgaolwaneng ya Maunatlala ka Mosupologo a tlhalosa fa gangwe le gape pele ga a simolola diphuthego tsa kgotla a kwalela maphata otlhe a puso go ba itsise ka lenaneo la diphuthego tsa gagwe.
Mopalamente a re o a bo a dira jalo ka tsholofelo ya gore bodiredi bo tlaa tla go arabela dikgang tse di lebaneng kgotsa tse di amang maphata a bone botoka ka Setswana se re mashi ke tswa thobeng ke le phepa, selabe se tla le motsaya kgamelo.
Mopalamente o ne gape a lekodisa batho mo phuthegong eo ka dikgang tse go builweng ka tsone kwa palamenteng e e fetileng tsa lenaneo la ditlhabololo tsa bolesome le bongwe NDP 11.
Kgosi Molaonyana Mhaladi ene o gakolotse batho mo phuthegong eo go tlhomamisa gore maina a batsadi le dinomore tsa boOmang ba bone a tsamaelana le se se kwadilweng mo ditlankaneng tsa bone tsa ditsha go itsa ketsaetsego e bontsi ja batho ba tshwaraganang le mathata mo ikwadisong ya ditsha e e ileng bokhutlong kgwedi ya Hirikgong e ya fifing.
Kgosi Mhaladi a re e le dikgosana ba tshwaragana le bothata fa batho ba tsile go kopa thuso ya go rurifatsa maina a a kwadilweng mo ditlankaneng bogolo jang tsa batho ba ba neng ba nyalane mme e bile ba setse ba tlhokafetse,ka jalo a kopa bana kgotsa ba ba amegang go leba mekwalo e e kwadilweng nako e sa ntse e le teng, e seng ba setse ba pitlagantswe ke nako.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Moshaleki Mhaladi ene o tlhalositse fa thulaganyo ya go tsenya motlakase mo matlong a bone a VDC e setse e wetse.
O bile a tlhalosa fa thulaganyo ya nyeletso lehuma mo kgaolong eo e ba iteetse ko ntle,a tlhalosa fa bangwe ba ba neng ba atlegile mo thulaganyong eo, ba ne ba ya go rutuntshiwa mme nako kgolo ke eno. BOPA
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Feb 2017






