Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa loso

02 Feb 2017

Mapodisi a Gerald Estate a tlhotlhomisa loso lwa mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le borataro wa Jamakata yo go belaesegang a bolaiwe ka Matlhatso bosigo.

Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi ao, Superintendent Edward Leposo, o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Matlhatso ka jaana ba begetswe mo go le le lelateng.

Superintendent Leposo a re ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le loso lo.A re ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong, a tlatsa ka gore mmelaelwa ke motho yo o kileng a nna le melato mengwe e e neng ya mo isa kgolegelong.

Superintendent Leposo a re setopo sa mme yoo se kwa setsidifatsing sa sepatela sa Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka. BOPA

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 02 Feb 2017