Breaking News

Mopalamente o akgola komiti ya ditlhabololo

02 Feb 2017

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng-Lephephe, Rre Liakat Kablay, o akgotse komiti ya ditlhabololo tsa Letlhakeng go bo e sa ntse e na  le mowa wa bopelotlhomogi.

Rre Kablay o ne a bua jalo morago ga gore komiti eo e supe mo pegong ya yone mo phuthegong ya kgotla fa e agetse mo-na-le-bogole mongwe mo motseng oo ntlo  ya boitiketso.

Rre Kablay o ne gape a gakolola banni go dirisa mananeo a puso go itlhamela ditiro.

A  re lenaneo le tshwana la Ipelegeng le tshwanetse go ntsha maduo gore motlha le yang bokhutlomg le tlogele motlhala.

O ne gape a ba gakolola go tsaya maikarabelo a go tlhokomela masimo a bone e seng gore ba leme ba bo ba tla go nna mo gae ka seo e le tshenyetso setshaba ka puso e dirisa madi a mantsi go ba thusa mo go lemeng.

Rre Kablay a re barui ba tshwanetse go tlhokomela leruo la bone go netefatsa gore ga le tlhagele mo masimong ka seo e ka nna poelo morago, mme a kopa balemi go agelela masimo a bone.

Fa ba ntsha la bone, banni ba Letlhakeng ba ne ba lela ka ditsela tse disha tsa mekgwatha tse di agiwang mo motseng oo ba re ga di fele, mme  ba re dikholobete tsa yone ga di a siama ka jaana di ema metsi mme se se nne borai mo matshelong a bana.

Banni ba ne ba ngongoregela go nna maoto a tshupa ga khamphani go tla go baakanya matlo a bone a a sentsweng ke kago ya ditsela tseo.

E rile a araba selelo sa bone Rre Gaborone Phiri go tswa kwa go ba ba okametseng tiro ya tsela e kwa Molepolole a re  magatwe a gore rakonteraka o tsamaile ga se boammaaruri ka jaana tiro ya gagwe e ise e fele  mme a solofetsa banni gore fa tsela e fela ba tsile go boa ba tsamaya le malwapa otlhe a a fa tlase ga yone go bona tshenyo mme ba ba senyegetsweng go bonwe gore matlo a bone a boela mo seemong se a neng a le mo go sone.

Mo go ya dikholobete o tlhalositse fa se se dirang tiro ya bone bonya e le ka gore tsela e dirwa mo motseng o o setseng o agilwe mme jaanong ba ne ba leka go dira ba sa kgoreletse ope mo bonnong jwa gagwe ka jalo dikholobete tsa felela di bapile le malwapa mo di feletsang di tsenya metsi mo malwapeng.

Rre Phiri a re ba tlaa bona gore ba baakanya jang dikholobete gore di fetise metsi ka jaana ba ise ba fetse go dira tsela, mme e bile ba tlaa ntsha leswe kana matlapa a a mo thoko ga ditsela ka jaana tiro ya tsela e e ya bokhutlong mo ngwageng ono. BOPA

Source : BOPA

Author : Gomolemo Moketo

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Feb 2017