Ba lebogela thuto ga e golelwe
01 Feb 2017
Mme Rotlhe Gakebatshole go tswa mo motsaneng wa Mawana, go bapa le Maun o lebogela goromente ka lenaneo la thuto gaegolelwe, ka le thusa bao ba saletseng kwa morago mo dithutong.
Mme yo, ka le ene e le mongwe wa bao ba sa tsenang sekole bogologolo a re o ne a kgona go boela sekoleng ka ngwaga wa 1993 mo sekoleng se sebotlana sa Boseja gone mo Maun morago ga go bona a tlolwa ke ditiro ka a ne a sa itse go bala le fa e le gone go kwala tota.
“Ke ne ke batla go ipalela ka ke ne ke tshela ka go bitsa bongwanake gore ba mpadise. Morago ka bona se e se botshelo ka boela sekoleng.
Gompieno ke moroki, fa ke ne ke sa tsena sekole se sa gaegolelwe ke ka bo ke sa kgone le gone go sega ka moroki a tshwanetse go itse selekanyo se a se segang le gone go bala mochine o a rokang ka one gore o bereka jang,” Mme Gakebatshole a tlhalosa.
Mme yo a re ka e le molemi-morui o setse a kgona go ikentela dipotsane tsa gagwe, selo se a ne a ka seke a se dire pele.
O tlhalosa fa go sa itse go bala go le botlhoko e bile go le diphatsa ka gore o kile a batla go jewa ke dintsa kwa Selebi Phikwe ka a ne a tsena fela mo jarateng mme go ne go kwadilwe mo kgorong gore tshaba ntsa.
A re e rile a simolola sekole se sa bagolo go ne go le thata mo a ne a palelwa le ke go tshwara pena gore a kwale.
A re o ne a seka a ipona tsapa mme a loma wa tlase a ithutuntsha le a le kwa lwapeng tota.
O tlhalosa fa morutabagolo wa gagwe a ne a le pelotelele, se sa seka sa mo kgoba marapo a felela a itse go kwala.
E re ntswa bangwe ba tlhabiwa ke ditlhong ba tshaba go tshegiwa ke batho Mme Gakebatshole a re e ne e se mongwe wa bone.
A re bana ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a tsene sekole ka go mo badisa le go mo kgothatsa go dira tiro ya mo lwapeng.
Tota mme yo o supa fa ka ngwaga wa 1973 a ne a tsena sekole kwa Shorobe mme ka ntlha ya bolwetse a seka a tswelela le sone a felela fela fa lokwalong lwa bobedi.
Morago ga go fola batsadi ba seka ba mo busetsa kwa sekoleng ba mo dirisa mo go tsa lelwapa le kwa masimo.
A re bana ba gagwe botlhe o ba tsentse sekole ka a dumela fa sekole e le sone bokamoso.
“Ke ne ke sa eletse go ba dira se batsadi ba me ba se ntirileng ka go sa nkisa sekoleng. Ke solofela fa gongwe ke kabo ke le kgakala, mme ka go sa itse go bala le go kwala ka fosiwa ke ditiro tse dintsi ka ba ne ba kgona go nthaya ba re ga ke re le wena o a bona gore ga o itse go kwala,” a bolela.
Mme Gakebatshole o gwetlha bao ba ba saletseng kwa morago mme ba na le matlho a go bona gore ba boele sekoleng ka go bala le go kwala go neela motho seriti.
A tswelela ka gore a batsadi ba farologane le ba bogologolo ba ba ne ba sa itse mosola wa thuto.
“Batsadi ba rona bogologolo ba ne ba dumela fa ngwana wa mosetsana sa gagwe e le go aga lelwapa a nyalwa, fa wa mosimane ene e le molemi-morui,” a tlhalosa. BOPA
Source : BOPA
Author : Montle Modisawamarole
Location : Mawana
Event : Potsolotso
Date : 01 Feb 2017






