Breaking News

Ntshang diruiwa mo masimong

01 Feb 2017

Mothusa Kgosi ya motse wa Mogobane, Kgosi Serudi Moilwa a re ke nako ya letsema ka jalo diruiwa di tshwanetse gore di ntshiwe mo masimong.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Ramotswa Rre Samuel Rantuana bosheng, Kgosi Moilwa a re ke nako ya temo mme o na le matshwenyego a leruo le le sa ntseng le tsamaya mo masimong.

A re goromente o dirisitse madi a mantsi go thusa Batswana mo temong ka jalo o kopile banni go seke ba itshenyeletsa ka go dira gore goromente a boele morago mo go ba thuseng temo ka go ntsha temo e e senang maduo.

Fa a ntsha tekodiso ya motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Fanuel Nage a re ba itela ka go tlhoka ditsela mo motseng wa bone.

Rre Nage o ikuetse gape ka letlhoko la matlo a boroko a badirelapuso mo motseng wa bone. A re ba sepodisi le ba botsogo ba tsoga kwa Ramotswa le kwa Lobatse mme ba berekela mo Mogobane.

O supile matshwenyego ka borukutlhi jo bo yang magoletsa letsatsi le letsatsi mo motseng wa bone.

Rre Nage o supile matshwenyego gape ka batho ba ba tswang kwa mafelong a mangwe mme ba tla go ba senyetsa ditsatlholego tse ba nang le tsone mo motseng wa bone di akaretsa letamo la Mogobane, molapo, matlapa le dipoponere.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente Rre Rantuana o kopile banana ba Mogobane go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng tsa bonno go tla ba di hirisetsa badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone.

Rre Rantuana o kopile bogogi jwa motse wa Mogobane gore ba dire gore batho ba ba tlang go direla moletlo kana go itsaya ditshwantsho di akaretsa tsa motshikhinyego kwa letamong kana kwa dipoponereng tsa Mogobane ba duele.

A re se se tlaa thusa go laola seemo sa go leswafatsa mafelo a le go thusa go tlhabolola motse wa Mogobane.

Mopalamente o supile matshwenyego ka maduo a a wetseng tlase fela thata a a sa tswang go tswa a mophato wa boraro.

Fa a akgela, Mme Johanna Marope yo e leng monni wa Mogobane, o boletse fa batsadi ba sena kgalemo mo baneng, selo se se nang le seabe mo maduong a a kwa tlase a bana.

Rre Boyce Mosige ene a re molao wa bogologolo wa gore bana ba boelele lekwalo le le ba paletseng o tshwanetse wa busediwa e le tsela nngwe ya go leka go lwantsha maduo a bana a a welang kwa tlase ngwaga le ngwaga.

Mopalamente o ne a biditse phuthego e go tla go tsaya matshwenyego le dingongorego tsa banni ba Mogobane gore a tle a bue ka tsone kwa palamenteng. BOPA



 

Source : BOPA

Author : Onalenna Kanasi

Location : Mogobane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Feb 2017